Breaking News

Molefi o rotloetsa boipelego

29 Oct 2013

Mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, o rotloeditse banni ba kgotlana ya Lotsane mo Palapye go tsaya karolo mo go thuseng bangwe ba ba tlhokileng lesego.

Fa a bua kwa kgotlaneng eo ka Mosupologo, Phalane a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabongwe, kwa go neng go abelwa bana ba masiela ba sekolo se sebotlana sa Boipuso, Rre Molefi a re ofisi ya boipelego e kwadisitse bana ba masiela ba le lekgolo le masome a mararo mo Palapye mme mo go bone ba le masome a mane le borataro ele ba kgotlana ya Lotsane.

Bana ba le masome a mararo le botlhano mo go ba le masone a mane le borataro ba ile ba abelwa dibeke tsa sekolo ke mogwebi Rre Lizah Kgotlaetsile wa madirelo a Serowe Canvas and Tents.

Rre Molefi a re se se raya gore ba na ba le lesome le bongwe ga ba kgona go bona dimpho tse di bonweng ke ba bangwe; mme morago a akgolela Rre Kgotlaetsile go bo a ile a intsha setlhabelo gore a kgone a thuse bana ba ba duleng ka sengwe.

Le fa go ntse jalo, o rotloeditse batsadi ba Lotsane go ikopanya gore le bone ba nne le seabe mo baneng ba ba sa kgonang go bona dimpho tseo, a re puso ele nosi ga e kake ya kgona.

Mo godimo ga se, Rre Molefi o supile fa khansele potlana ya Palapye e tshwenyegile thata ka tlhokomelo ya bana ba masiela, a re bangwe ba ba amoga dilwana tsa bone; mme a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalema kgang tsa go tshwana le tse.

Fa a tswa la gagwe Rre Kgotlaetsile, a re tautona wa lefatshe leno o kopile gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego,ke ka jalo a ileng a bona go tshwanetse go ntsha seatla sa thuso.

A re go abela bana ba masiela ke ntlha nngwe ya go diragatsa matshego a tebelopele ya 2016, bogolo jang letshego le le amanang le tshaba e kutlwelobotlhoko. O supile fa dibeke tse a neng a di aba e le tsa maemo a kwa godimo; di le thata; e bile di tla ba goga dingwaga tse di ntsi ba ntse ba di dirisa kwa sekolong.

Mo puong ya gagwe, o kopile batsadi gore fa di senyega di busediwe kwa go ene gore a di baakanye mahala. Rre Lesego Setlhare,yo e leng  mokhanselara wa kgaolwana ya Lotsane, le ene o lebogetse maiteko a ga Rre Kgotlaetsile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Kabelo masiela

Date : 29 Oct 2013