Tshwaragano e ka tsisa maduo
29 Oct 2013
Mokwaledi mo ofising ya ga tautona le bodirelapuso, Mme Sarah George, a re sekolo se sebotlana sa Malaka se ka dira sentle fa batsadi le barutabana ba na le tshwaragano.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekolong seo bosheng, Mme George a re batsadi ba tshwanetse go emela thuto ya bana ba bone ka dinao gore sekolo sa Malaka se ntshe maduo a nametsang.
A re ke boikarabelo jwa motsadi go thusa ngwana mo dithutong tsa gagwe, le go lebelela dibuka tsa ngwana go bona gore a o dira tiro ya sekolo sentle. O kaile fa e le boikarabelo jwa batsadi go fa bana tlhokomelo, go bona gore ba ya sekolong ba le phepa ebile ba fitlhotse.
O rotloeditse batsadi ba borre go thusa mo kgodisong ya bana, bogolo jang ba basimane, gore ba tseye malebela mo go bone go tswa batsadi ba ba nang le boikarabelo mo isagong. Mme George o rotloeditse kemonokeng ya batsadi botlhe mo motseng wa Malaka, a re ba tshwanetse go tshwaraganela bana ka gore go tsaya motse go godisa ngwana.
O kopile batsadi go fa bana nako ya go robala gore ba kgone ba ithute sentle. A re go tlhoka go robala sentle go ka kgoreletsa ngwana go ithuta sentle mme e bile a supa fa tota bana ba ba sa robaleng sentle ba tshwarisa barutabana bothata.
Le fa go ntse jalo, o supile fa a sa jesiwe diwelang ke batsadi ba ba sa supegetseng bana tsela e siameng, mo ba kgonang go tsena mo marekisetsong a bojalwa fa pele ga bone. Fa ema bana ba sekolo sa Malaka ka lefoko, Mme George o rotloeditse baithuti go lebagana fela le sekolo eseng go tsena mo dikgannyeng tsa marato ka ba sa ntse ba le bannye.
A re ba tshwanetse go itshwara jalo go fitlhelela ba fetsa lekwalo la botlhano. O rotloeditse baithuti go tlhoafalela thuto ya bone eseng go tshameka kwa sekolong. Mme George o ile a abela sekolo seo dibuka tse di supang melelwane le ditso tsa mafatshe a farologaneng ga mmogo le dibuka tsa Kutlwano mo boemong jwa Lephata la Dikitsiso.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo seo, Mme Ipelegeng Pasela, o lebogetse kemonokeng e a e fiwang ke batsadi ba Malaka, bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le ya batsadi le barutabana.
A re le fa maduo a sekolo sa gagwe a ile kwa tlase mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, maikaelelo ke go busetsa serodumo sa sekolo seo ka go isa maduo kwa godimo. O boletse fa sekolo seo, se se nang le bana ba le 241, se na le kgwetlho e tona ya letlhoko la motlakase, ka jalo didirisiwa tsa maranyana di tshwana le dibala makgolo di sa dirisiwe sentle.
O wetse ka go kopa Mme George go ba kopela kwa pusong gore kgokelo ya motlakase e tsibogelwe kwa sekolong seo. Mogolwane wa tsa thuto mo kgaolong ya Palapye, Mme Onalethata Thitoyamore, le ene o ne a rurifatsa fa tota maduo a sekolo sa Malaka a ile kwa tlase mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Palapye
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 29 Oct 2013






