Puso e tshwenngwa ke letlhoko la ditsha tsa dikereke
29 Oct 2013
Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, a re puso e tshwenyegile thata ka letlhoko la ditsha tsa dikereke.
Tona Batshu o ntshitse mafoko ao fa a ne a bula semmuso kereke ya Spiritual Healing kwa Ghanzi bosheng. A re dipalo tsa dikereke tse di ikwadisitseng di golela pele, jaanong ba ipotsa gore ditsha ba ya go di bona kae. O supile fa go na le dikereke dingwe tse di sa saleng morago molao motheo wa lekgotla la dikereke.
A re baeteledipele ba dikereke tsa go nna jalo ba tshwanetse go itse gore ke molato go dira jalo mme e bile go na le kgonagalo ya gore ba ka phimolwa. Tona Batshu a re goya ka molao motheo wa dikereke, ka bofelo jwa ngwaga, dikereke di tshwanetse go isa pego ya bone ya madi le maina a baeteledipele ba dikereke kwa lekgotleng leo, gore le ye go rurifatsa fa di dira ka fa tsamaisong.
Tona o kaile fa gona le baeteledipele bangwe ba ba sa tsamaiseng dikereke tsa bone sentle, mme a re go dira jalo ke go tlola molao motheo wa dikereke. O ne a supa gape fa gona le dikereke tse di tsamaisiwang ke ba masika. A re dikereke tsa go nna jalo ke tsa batho ba ba ipatlelang madi fela, ga se dikereke; mme e bile dikereke tsa gonna jalo e se gantsi di isa dipego tsa madi kwa lekgotleng le le tsamisang dikereke.
E rile Rre Batshu a itebaganya le kereke ya Spiritual Healing a tlhalosa fa kereke eo ya Ghanzi ele ya bo masome a mane le bobedi go bulwa mo lefatsheng leno, e bile a boa a akgola maiteko ao.
Tona Batshu o boleletse batsena pulo semmuso eo fa molao motheo wa lefatshe leno o letlelela dikereke go nna le kgololesego ya go rapela ba sa kgorelediwe ke sepe.
O kopile baeteledipele le maloko a dikereke go ema ka dinao go tlhabolola dikereke tsa bone le gore ba tshwanetse go tshwaragana le go dirisana sentle go hema go thubega ga dikereke.
E rile Mookamedi wa kereke eo, Rre Joseph Motswasele a ntsha la gagwe, a kopa banana go nna le mowa wa boithaopo gore le bone kamoso ba kgone go itirela jaaka bagolo ba itirela.
Mookamedi Motswasele o ne a lebogela kereke ya Ghanzi tiro e kgolo e ba e dirileng, a bo a ba kopa go tswelela fela jalo. Moruti wa Ghanzi Rre Topias Moreti ene o supile fa ba dirisitse madi a a ka fetang P250 000 go aga kereke eo, ele ka tirisano mmogo le tshwaragano.
Moruti Moreti a re maloko a kereke ya gagwe mo Ghanzi bane ba bereka thata gore ba kgone go aga kereke eo, e kago ya yone e simolotsweng ka ngwaga wa 2008. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Pulo semmuso ya kereke
Date : 29 Oct 2013






