Breaking News

Goora-Seno ke kgotla - Rammidi

29 Oct 2013

Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi a re puso e dumalane gore goora-Seno e nne kgotla ya Kanye.

Rre Rammidi o buile se a buisa phuthego ya kgotla kwa goora-Seno bosheng. A re go dumalanwe gore goora-Seno e nne nngwe ya dikgotla tsa Kanye, a bo a re ba ba neng ba setse ba na le dikgang le lekgotla la kabo-ditsha, kgang ya bone e santse e seka-sekwa go fitlha kgwedi ya Morule e fera bobedi monongwaga.

O bile a kopa banni ba goora-Seno gore dikgang tse di seka tsa ba kgoba marapo go ikwadisetsa ditlhopho. Rre Rammidi a re e re ka jaana puso e tsere tshwetso ya gore motse wa Kanye o gokelwe metsi go tswa kwa Mmamashia, go raya gore goora-Seno o akareditswe mo teng ka a wela ka fa tlase ga Kanye.

A re palamente e fitisitse molao wa ditsheko, o mo go o ne batho ba ba senang babueledi puso e tla a ba batlelang babueledi. O supile fa se se tla a dirwa go sena go tlhomamisiwa gore ka boamaaruri motho a ka se kgone go ipatlela mmueledi.

Rre Rammidi a re batho ba tla batlelwa babueledi ba go nna jalo mo ditshekong tsa selegae fela, a re fa e le tse di tseyang mapodisi, batho ba go nna jalo ga ba kake ba batlelwa babueledi.

A re mme motho fa a batla thuso ya mofuta o, o ka ikopanya le ba ditshwanelo (BONELA). Fa a akgela, mongwe wa bo rra-lekgotla, Rre David Mack o supile fa ba tshwenngwa ke borukutlhi jo bontsi le bothata jwa ba sepodisi go nna maoto a tshupa go fefogela go ba thusa fa ba tlhasetswe.

Mme Waitse Seno, mongwe wa batsena phuthego, o ne a bua ka bogodu jwa leruo jo bo golelang pele, bogolo jang jwa dipodi mme e bile bo sa begwe. Mme Seno a re o belaela gore borukutlhi jo bo rotloediwa ke lenaneo la puso la go thusa batlhoki ka dipodi, a re bangwe go raya gore ba a di tsaya ba bo ba ya go di rekisa kgakala.

Rre James Tlharesagae ene,  o ne a kopa gore e re go bewa ditsha le bone e le ba kereke ya Z.C.C. ba akanyediwe, a re ga go na sepe se se ka dirwang kwa ntle ga thapelo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 Oct 2013