Rutang bana ngwao
28 Oct 2013
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re ga a itumedisiwe ke bagolo ba ba sa ruteng bana ngwao sentle.
Kgosi o buile jalo fa a ne a bula letsatsi la go ipelela ngwao bosheng mo lefelong la bana ba ba tlhokomelwang ke puso la Mpule Kwelagobe Children Centre. O ne a gatelela gore Setswana se se reng, ‘tlhako ya morago e gata fa ya pele a gatileng teng’, se tshwanetswe sa agelwa mosako ka go ruta bana ngwao ya bone.
Kgosi Mosielele o ne a kaya fa palo ya bana ba lefelo la Mpule Kwelagobe e le kwa godimo thata mme puso e le nosi e ka seke e kgone go tlhokomela bana bao mme e tlhoka kemonokeng ya setshaba le dikhamphani tse di ikemetseng.
Mogolwane wa sekole sa Mpule Kwelagobe, Mme Kebabonye Nthobatsang, o gateletse mafoko a ga kgosi a kaya fa bana ba tlhoka lerato le go bona difatlhego tse disha ka go le gantsi ba nna ba bona batlhokomedi ba bone fela.
Mme Nthobatsang o gateletse fa bana ba tlhoka go itse fa go na le batho jaaka bonkuku, mmemogolo, rrangwane le malome, mme a kaya fa se se ka fitlhelelwa fa bana ba ka nna ba etelwa kwa lefelong la bone. Letsatsi la ngwao la Mpule Kwelagobe le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Seriti sa Ngwao go ya Kokomaneng e e Tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : Jwaneng
Event : Letsatsi la go ipelela ngwao
Date : 28 Oct 2013






