Breaking News

Ba Khudumelapye ga ba itumelele ditsela

28 Oct 2013

Banni ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka tsela e e gokaganyang motse wa bone le Letlhakeng, ba supa fa e le mo seemong se se ngomolang pelo.

Banni ba ba ntshitse ikuelo eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu. Kgosi Edwin Ramokobetwane o supile fa ba tshwenngwa ke seemo sa tsela eo ka jaana e sa siamela le botsogo jwa bone e bile e le borai.

Banni ba ne ba itela gape ka Water Utilities Corporation ba supa fa ba kgona go nna malatsi go sena metsi. Ba supile gape fa e tsaya nako go tsibogela diphaephe tse di thubegileng mo motseng le fa ba ne ba dirile maiteko a go ikuela. 

Ba re tlhaelo e ya metsi e kgoreletsa le dithuto tsa bana ka jaana ba busediwa malwapeng go ya go kopa dijo ka go a bo go sena metsi a go ba apeela kwa sekolong. Ba supile fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a tshwana le ditshingwana tsa merogo a sa tswe tema ka jaana go sena metsi.

Rre Benjamin Bogosi yo a neng a akgela mo phuthegong eo, o kopile gore ikuelo ya bone mabapi le kompone ya Water Utilities e tsibogelwe, a supa fa tlhaelo e ya metsi e ba sokodisa. Fa a tsibogela dilelo tsa banni, Rre Rakhudu o ne a kaela banni fa tlhaelo ya madi e le yone e amileng go tswelela ga ditlhabololo mo lefatsheng leno mme a ba kopa go nna pelotelele ka tsela ya bone e tla tsibogelwa motlhang madi a bonalang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Khudumelapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Oct 2013