Breaking News

Thuto e batla maikaelelo

28 Oct 2013

Morutabana wa pele, Mme Angelinah Sewawa a re thuto e tlhoka motho yo o nang le maikemisetso le maikaelelo.

A re thuto e botlhokwa thata mo botshelong jwa motho ka e le yone e e bulang motho matlho gore a kgone go itse le go tlhaloganya tse di diragalang mo tikologong ya gagwe. Mme Sewawa o ne a bua jalo fa a bula semmuso moletlo o o neng o kopantse kabo ya dimpho, kaloso ya baithuti ba lekwalo la bosupa le go ipelela maduo a lekwalo la bosupa a ngwaga wa 2012 kwa sekolong se sebotlana sa Mabudzane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, kgwedi eno e le masome a mabedi le bone.

A re leeto la thuto le batla tshwaragano ya ba na-le-seabe botlhe ba ba akaretsang batsadi, bana le barutabana; ka tota fa boraro jo bo tshwaragane, maduo a sekolo a ka tswa a nametsa. Mme Sewawa o ne a kopa batsadi ba Mabudzane go ipopa mme le go direla sekolo sa motse wa bone sengwe, e le tsela nngwe ya go leka go ipelega.

A re mo botshelong motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse a ipotsa potso ya gore o diretse sekolo sa motse wa gagwe eng le gore seabe sa gagwe ke eng mo thutong ya bana. Le fa go ntse jalo, o ne a re makalana ka go farologana le one a tshwanetse a itse fa a na le seaba mo thutong ya lefatshe leno, ka moo a ba gwetlha go tsenya letsogo mo thutong ya bana ka go thusa ka sepe fela se ba ka se kgonang.

A re go tsaya thuto ka tlhwaafalo ga bana-le seabe botlhe go ka dira gore lefatshe leno le fitlhelele kwa maikemisetsong a letshego la tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, la go nna le tshaba e e rutegileng.

Mme sewawa o ne a akgolela sekolo sa Mabudzane go bo se dikile se ntshitse maduo a a nametsang e bile le ditso di supa fa se dira sentle mo dithutong. O ne a boa a ba kopa gore ba tshware ka thata ka jaana dikolo tse dingwe di tla kgaratlhela go tsaya malebela mo go bone.  

A re fa ba ka repisa, ba tla thanya lo le tsebeng, dijana tse ba ntseng ba di gapa di ba dule ka diphatla tsa menwana, dikolo tse dingwe di fetile ka tse di tsididi. E ne erile a amogela baeng, mogokgo wa sekolo sa Mabudzane Mme Regina Mbalambi a tlhalosa fa go itumedisa go bo sekolo seo se dira sentle fela thata mo dithutong, a re se ipelela phenyo ya maduo a lokwalo la bosupa a ngogola, morago ga gore se gape maduo a ntlha ka 100 per cent mo dikolong tse di mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Le fa go ntse jalo, mogokgo o ne a supa fa sekolo se lebanwe ke dikgwetlho dingwe tse di ka nang le seabe mo go folodiseng maiteko a bone, a re nngwe ya tsone ke ya letlhoko la boroko jwa barutabana, mo go felelang go baka gore bontsi jwa bone ba theogele ba tswa kwa toropong ya Francistown.

Mo godimo ga moo, a re kgwetlho nngwe e e sa ntseng e ba lebane ke ya go tlhoka ofisi e mogokgo a direlang mo go yone.   Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Mme Kanokang Mkhati, le ene o ne a supa fa a itumelelela go bo go na le mowa wa tirisanyo mmogo le therisanyo, a re ke gone mo go dirang gore tsotlhe di tsamaye ka thelelo mo sekolong seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Moletlo wa sekole

Date : 28 Oct 2013