Madiaela o lela ka letlhoko la metsi
27 Oct 2013
Balemi barui ba masimo a Madiaela mo kgaolong ya Legare ba re go tlhoka go ba siela metsi ga khamphani ya Water Utilities le khansele go ba jesetsa mo kgobedung.
Ba buile jalo mo phuthegong e ba neng ba e kopanetse le mopalamente wa bone, Dr Pelonomi Venson-Moitoi le mokhanselara wa Radisele, Rre Michael Motshidi. Ba re go tlhoka go ba siela metsi ga koporase ya Water Utilities go ba beile ka fa mosing ka jaana letamo le ba neng ba ikaegile ka lone la Chakanyane jaanong le kgadile.
Ba re e re le ntswa ba tswa kgakala ba ntse ba sielwa metsi ke khansele, ba swabisiwa ke go bona Water Utilities jaanong e emisitse go ba siela metsi ntswa e le yone e neetsweng boikarabelo jwa go siela batho ba metse ya magae le ditoropo metsi.
Le fa balemi-barui ba Madiaela, ba ba neng ba kukegile maikutlo ba ne ba supasupana ka menwana le mopalamente ga mmogo le mokhanselara, gone kwa bofelong jwa phuthego eo, ba ne ba fana matsogo, morago ga gore mopalamente le mokhanselara ba ba tlhalose fa puso jaanong e ba neetse tshwanelo ya go dirisa sediba.
Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone e bile ba pega mopalamente le mokhanselara molato mo go tsone ke go tswalwa ga kokelwana ya bone, e ba reng e ne e thusa batho ba Madiaela, Makoro le Bikwe ka kalafi.
Ba re fa e sale e tswalwa, ba patelesega go tsamaya sekgala se seleele go latela kalafi kwa Radisele, Palapye le Mahalapye. E rile Dr Venson-Moitoi a tsibogela dingongorego tsa bone mabapi le go tswalwa ga sediba le kokelwana, a bolela fa batho ba Madiaela ba mo kgalela lesidi, ka jaana go se na ope yo o kileng a mo lekodisa ka go tswalwa ga sediba kana go tswalwa ga kokelwana.
A re e re ntswa e le moemedi wa bone kwa palamenteng, ga ba a tshwanela go mo pega molato mongwe le mongwe ka jaana phatlalatso ya metsi mo dikgaolong e ne e le boikarabelo jwa khansele pele ga bo tsewa ke Water Utilities.
Mo phuthegong eo, Dr Venson-Moitoi, yo e bileng e le tona mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, o ne a solofetsa balemi-barui ba Madiaela fa a tlaa ba thusa ka sego se se tlaa dirisiwang mo sedibeng seo, e bile a ba rurifaletsa fa a tlaa kopana le bagolwane ba lephata la botsogo mabapi le go tswalwa ga kokelwana.
E ne e rile go le pele, mokhanselara Motshidi a lekodisa mopalamente ka mathata a banni ba Madiaela a tshwana le go tswalwa ga sediba, go tswalwa ga kokelwana le go emisiwa ga lenaneo la Ipelegeng.
Rre Motshidi o rile le fa lekgotlana la kabo-ditsha la Palapye le ne le tsere tshwetso ya go fudusa batho ba Madiaela, ka go twe ga ba a bewa ka fa molaong, tshwetso eo e ne ya boelwa morago morago ga dipuisano le mabaka a a neng a bewa lekgotla pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya morafe
Date : 27 Oct 2013






