Dikomiti di akgola Kgathi
27 Oct 2013
Baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Tsetsebye le Moletemane ba akgoletse tona wa banana, metshameko le ngwao go nna matsetseleko mo tirong ya gagwe.
Rre Shaw Kgathi o tlotlomaditswe jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa bosheng, mme a akgolelwa go simolodisa lenaneo la Youth Empowerment Scheme (YES) le go tsamaisa metshameko ya dikgaolo sentle.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tsetsebye, Rre Lame Motsamai , a re lenaneo la YES le ntshitse banana ba le bantsi mo mebileng mme a kopa gore le atolosiwe, go tsenya ba ba dirileng dithuto tse dipotlana ka le ne le remeletse mo go ba dithuto tse dikgolwane tsa mophato wa botlhano.
Rre Motsamai o ntshitse malebo go bo Rre Kgathi a file dikole tse dipotlana mo kgaolong ya Bobirwa dibolo tse di tlaa rotloetsang kgolo ya metshameko Bobirwa ka bophara. O lebogetse kgokelo ya boranyane jwa dikhomputara kwa metlobong ya dibuka kwa a tlhalositseng fa bontsi jwa bagolo bo setse bo supa kgatlhego ya go ithuta go di dirisa.
Kwa Moletemane modulasetilo, Rre Matoto Ramaphane le ene o ne a galaletsa Rre Kgathi ka tiro ya go rotloetsa banana go tsena mo dikgwebong gore ba tsholetse itsholelo ya bone. Morafe wa Moletemane le one wa mo galaletsa mme wa supa fa o itumeletse gore motse o o buseditswe kwa Bobirwa.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente o supile fa a tshwenngwa ke dipalo tse di kwa tlase tsa banana ba ba ikopelang dithuso kwa lephateng la gagwe. A re metse ya Tsetsebye le Moletemane e saletse kwa morago mo bananeng ba ba ikopelang dithuso, a supa fa toropo ya Selebi Phikwe le yone dipalo tsa yone di swabisa.
O rotloeditse batsadi go gakolola bana go dirisa mananeo a puso dingwaga di sa ntse di ba letla ka gore mananeo a puso ga a nnele ruri. Fa a ama metshameko ya dikgaolo, a re e dira gore banana ba le 125 000 ka ngwaga ba tsenelele dikgaisano, se se dire gore ba seka ba inaakanya le botlhokatsebe.
Rre Kgathi o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, a re boikarabelo ga bo a tshwanela go tlogelwa mo barutabaneng. O kopile thata banni go ikwadisetsa ditlhopho gore ba tle ba kgone go itlhophela puso e ba e batlang. Rre Kgathi o ne a etetse metse ya Tsetsebye le Moletemane go lekodisa banana ka mananeo a lephatla la gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Bobonong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Oct 2013






