Mapodisi a Tlokweng a emetse borukutlhi ka dinao
24 Oct 2013
Mapodisi a Tlokweng a re ba gatisitse dikgang tsa go thujwa ga matlo di le tharo, mme mo go tsone go utswilwe dithoto tsa madi a a ka fetang P50 000, mo kgweding eno e lesome le bone go ya go e le masome mabedi.
Se, se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, jaaka a ne a lekodisa ba lekalana la BOPA bosheng. Superintendent Maniki, o boletse fa go utswilwe dithoto tsa madi a a ka fetang P20 000, mo kgotleng ya Lesunyaneng, tse bontsi e leng tsa motlakase, tse di akaretsang dikhomputara (laptops) le dithelebishene tsa sesha (flat screens) le tse dingwe, mme e bile go tshwerwe banna ba le bane go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
E ntse e le gone kwa Tlokweng, Superintendent Maniki o supile fa ba tshegeditse banna ba le bane, mabapi le go thujwa ga ntlo nngwe bosigo kwa kgotleng ya ga Ranfurwa, mme ga utswiwa dithoto tsa madi a a fetang P20 000.
O supile fa banna ba bararo mo go bone ba ba tshwerweng, e le batswakwa ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le bongwe le masome a mararo le botlhano, fa yo mongwe e le Motswana wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano, e bile botlhe ba nna kwa Old Naledi, kwa Gaborone.
Superintendent Maniki o boletse fa ba kgonne go tshwara banna ba ka thuso ya ba Security, a bo a lebogela tirisano mmogo ya bone. A re borre ba ba tla iponatsa fa pele ga lekgotla la ga Makaseterata mo bogautshwaneng.
Mo go e nngwe kgangi, mapodisi a a kwa Tlokweng ba re ba tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo, go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go utswiwa ga dithoto tsa madi a a fetang PI0 000 kwa kgotleng ya Selokwana.
Superintendent Maniki, o supa fa go sa ntse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba ineile naga ba ba neng ba na le rre yo, mme ba mo patlong ya bone. O kopile setshaba gore fa ba bona batho ba tla ka dithoto di sa phuthelwa, tse go ka belaesegang fa di amana le bogodu jo, ba itsese ba sepodisi ka ponyo ya leitlho, mme ebile a boa a kopa bao ba ba rekang dithoto tsa bogodu go emisa go dira jalo.
Superintendent Maniki o gakolotse setshaba gore ngwaga o a fela, mme magodu ba batla go ipona ba tshwere madi, ka jalo ba senya go ya ntlha e le nngwe. O ne gape a kopa gore batho ba tsene diphuthego tsa dikgotla tse ba tla a di buisang, go ipaakanyetsa malatsi a masome a marataro a go tsaya kgato kgatlhanong le borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Potsolotso
Date : 24 Oct 2013






