Breaking News

Di ARV le nnotagi ga se tsoora mmogo

24 Oct 2013

Lephata la botsogo le dirisa madi a a kana ka P3.3 billion ngwaga le ngwaga go reka diritibatsi tsa ARV.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Jwaneng ka Mosupologo, Phalane a tlhola malatse a le masome mabedi le bongwe, tona wa botsogo, Dr John Seakgosing, o supile fa a tshwenngwa ke gore le mororo lephata la botsogo le sale le ruta Batswana ka ditsela tse ba ka lwantshang mogare wa HIV le AIDS ka tsone, go sa ntse go na le batho ba ba sa iphemeleng mo bolwetseng jo.

Tona Seakgosing o supile fa a tshwentswe ke gore toropo ya Jwaneng ke nngwe ya mafelo a a sa ntseng a amilwe ke mogare wa HIV le AIDS ka dipalo tse di kwa godimo le ntswa thuto e sale e anamisiwa le morafe wa Jwaneng go simologa ka 1981.

A re bangwe ba nwa diritibatsi tsa diARV mme ba di patagantse le go nwa bojalwa fa bangwe ba di latlha. Mo godimo ga moo, Tona Seakgosing o kgadile baruti ba ba tleng ba itse balwetse ba mogare wa HIV le AIDS go nwa diritibatsi ba re ba tla ba rapelela, mme ere seemo se bifa, ba bo ba ba phuaganyetsa batho kwa dikokelong, e bile a boa a supa gape fa a sa itumedisiwe ke borre ba ba itlhatlhobang ka bomme le bomme ba ba itlhatlhobang ka borre.

Tona o kgadile gape batho ba e a reng ba sena go abelwa diritibatsi, ba di rekisetse ba mafatshe a sele, bogolo jang a a sa di abeng mahala jaaka la Botswana. A re Batswana ba tshwanetse go tsaya go nwa diritibatsi ka tlhoafalo ka gore nako e tla tla e di tla bong di rekwa kwa marekisetsong a melemo.

E rile a bua ka nnotagi, Tona Seakgosing a bolela fa lefatshe la Botswana le wetswe ke seru sa go nwa bojalwa phetelela. O tlhalositse fa ‘bojalwa’ bo thubile malwapa, e bile bo dirile gore Batswana ba tsenwe ke malwetsi a a ba fokoletsang malatsi a botshelo le go tlhotlheletsa dikotsi tsa tsela.

Mo godimo ga moo, a re boimana jwa banana bo tlhotlhelediwa ke bojalwa, boimana jo a reng ka nako tse dingwe bo fitlhelwa mo baneng ba ba sa ntseng ba tsena dikole. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Jwaneng ba amogetse fa go nwa bojalwa phetelela go le gontsi mo Jwaneng mme e bile go rotloetsa botlhoka tsebe jwa bana; Ka  bana e bile ba setse ba sia mo dikoleng ba tshaba le banna ba dikoloi tsa manobonobo.

Ba kaile gape fa tota nnotagi e na le seabe mo go tlhokeng go nwa diritibatsi sentle mme ba tlhalosa gape fa go na le tlhaelo ya melemo mo dikokelong tsa Jwaneng.

Banni ba tlhalositse fa dikago tsa dikokelwana tsa Jwaneng di setse di le makgasa; mme fa seemo se ne ke kile sa tsibogelwa ka bofefo, se ka bo se se maswe jaaka se ntse gompieno. Modula setilo wa Umbrella For Democratic Change (UDC), Rre Justice Motaung o kopile gore toropo ya Jwaneng e agelwe kokelo e kgolwane ya botlhe ka gore e e teng ke ya moepo wa Jwaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keabetswe Gobatlwang

Location : Jwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Oct 2013