Ba ngongoregela temo ya ditselana
23 Oct 2013
Banni ba Tswapong Bokone ba re tshwetso e e tserweng ke puso ya go duelela fela balemi ba ba lemang ka ditselana e tla a dika e ba bolaisitse tlala ka go sena didirisiwa tsa temo.
Fa ba bua kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele bosheng, ba boletse fa ba na le tumelo ya gore puso e kabo e ba letlelela go lema labofelo ba gasa. Ba re go lema ka ditselana go batla didirisiwa tse di farologaneng tse bontsi jwa balemi mo kgaolong ya bone ba senang tsone.
Godimo ga moo, ba supile fa bothata jo bongwe jo ba nang le jone ele letlhoko le legolo la diterekere mo kgaolong ya bone. Ba re mo ngwageng mongwe le mongwe ka nako ya temo, ba sokodisiwa ke go bona boraditerekere ba ba ba lemelang mme ka temo ya go gasa e sa tlhole e duelelwa go tla a nna bokete mo go bone.
Rre Baatweng Mabihi wa motse wa Goosekgweng, o boletse fa ba sa jesiwe diwelang ke tshwetso e puso e e tsereng ya go duelela fela ba ba lemang ka ditselana. A re mo kgaolong ya Tswapong Bokone ga gona diterekere le didirisiwa tse di lekaneng, ka jalo, go tsile go nna thata mo baleming gore ba leme.
Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Rre Maele o ne a bolela fa a ne a tsaya dikopo tsa bone tsa go kopa go lema ba gasa a di isa kwa go tona wa temo-thuo.
A re dikopo tsa banni tsa go lema ba gasa ga di a atlega. A re fa lenaneo la ISPAAD le simolola, puso e ne ya letlelela balemi go lema ba gasa gore ba tlwaele temo. A re temo ya go gasa ga e ntshe dijo tse dintsi, ka jalo go lema ka ditselana ke gone go ka ntshang dijo tse di lekaneng.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ntsha letshwenyego ka ba lephata la metsi, ba bolela fa lephata leo le sa dirisanye sentle le bone. Ba re mo metseng ya bone go na le letlhoko le le ntsi la metsi, mo ba kgonang go nna dibeke ba sa bone thothi mme ebile go se ope yo o ba itseseng gore bothata e ka tswa e le eng.
Ba re ba amogela dipampiri tse di supang dituelo tsa metsi morago ga sebaka se se leele mme seo se ba babalele ka ba felela ba tlamega go duela madi a dikgwedi tse dintsi. Ba ne ba kopa mopalamente wa bone go ba thusa ka ba lephata la metsi, ka ba sa tlhole ba na le tshepo mo go lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Oct 2013






