Puso ga e na go thubela bo maipaafela
23 Oct 2013
Mopalamente wa Kweneng Borwa, Dr John Seakgosing, a re puso e tsere tshwetso ya go seegela fa thoko go thubela bo maipaafela, go dira ditsheka-tsheko tse di tseneletseng ka seemo sa mafelo a amegang.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng kwa masimong a Mosokotso mo kgaolong ya Kweneng, Dr Seakgosing a supa fa tshwetso eo e tserwe ke lekoko la matona ka go lemoga fa go tlhokega ditlhotlhomiso tse di tseneletseng, go kgotsofatsa mabaka otlhe a go bo mafelo mangwe a amega mo go ipeeng.
O kopile batho ba masimo a Mosokotso go tlhaloganya fa kgato eo e le ya go supa fa puso e kgathalela dikgang tse di amang matshelo a Batswana, ke ka moo go tserweng kgato ya go nama e seegetse fa thoko go thubela bo maipaafela, go sa ntse go dirwa ditlhotlthomiso ka dintlha tsa botlhokwa tse di amang mafelo ao.
Mopalamenete Seakgosing yo gape e leng Tona wa Botsogo, o lebogetse kgato ya khansele ya Kweneng go tsibogela go katela mahuti a go epiwang mmu mo go one mo kgaolong ya Mosokotso, a tlhalosa fa seemo sa one se ntse se tshedisetsa batho ba kgaolo eo mo poifong, bogolo jang fa dipula di nele, gore metsi a tsenang a ka baya matshelo a bana ba kgaolo eo mo diphatseng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosokotso, Rre Tuelonyana Tsiane, o supile ka monwana thulaganyo ya khansele ya Kweneng ya go thapa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele go phutha matimela mo kgaolong ya bone.
A re e re le ntswa thulaganyo eo e ba rontsha tshwanelo ya go tsenya diatla go ikinola mo lehumeng, go tlhoka go thapiwa batho ba ba itseng matshwao a dikgomo tsa kgaolo, go tlhofofotsa thulaganyo eo le go hema go tlhatlhela dikgomo tse e seng matimela.
Batho ba Mosokotso ba lela ka tiego ya go ba seka-seka gore ba kgone go bona thuso ya lenaneo la nyeletso lehuma le ba reng ba kgaphetswe ntle, ba supa ka monwana ofisi ya boipelego gore eba ikgatholositse.
Mothusa molaodi mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, yo gape eleng modulasetilo wa komiti ya Nyeletso Lehuma mo kgaolong eo, Mme Lekwape, le ene o ne a supa fa a swabisitswe ke tiego eo, mme a solofetsa fa a tla latedisa bothata joo le ofisi ya boipelego gore seemo seo se tsibogelwe.
E ne yare kwa bofelong jwa Phuthego Tona Seakosing a abela bao ba tlhokileng lesego dikobo di le 105 tse di kgaogantsweng mafelo a Mosokotso, Morabane le Mapapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Oct 2013






