Breaking News

Letsema le thata ka mong a lone

23 Oct 2013

Mothusa tona wa lephata la papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu o supile fa puso e dirile maiteko a le mmalwa go nyeletsa lehuma mo Batswaneng ka mananeo a a farologanyeng.

Ka jalo a re go mo maruding a bone go dirisa sebaka se ka maikarabelo go tokafatsa matshelo a bone. Rre Rakhudu o buile se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng bosheng.

O supile fa puso e tla dira gotlhe mo e ka go kgonang go rotloetsa Batswana go dirisa mananeo mme a re fela ke maitlamo le maikarabelo a Batswana go dirisa sebaka se.

O supile fa lenaneo la nyeletso lehuma le tlhametswe Batswana go itirela ka diatla tsa bone eseng fela go baya mokgweleo otlhe mo pusong.A re mananeo a nyeletso lehuma a mantsi mme go supagetse fa bangwe a ba tswela mosola.

Rre Rakhudu o boletse fa mananeo a, a tla tswelela a ntsha maduo fela mo go ba ba tlhaga ebile ba  na le tumelo ya gore ba ka inoga mo lehumeng fa ba ka itirela ka diatla. O kopile Batswana go ema ka dinao go dira ka natla go itlhotlhora lehuma.

Rre Rakhudu o supile fa ba tsweletse ka go fa Batswana kitso ka go ba rutuntsha ka mananeo pele ga baa neelwa go simolodisa kgwebo.
O rotloeditse badirelapuso go ititaya ka thupana go netefatsa gore mananeo a goroga kwa setshabeng ka thelelo le ka nako e e tswanetseng.

O ne gape a kopa banana go itlhamela dikoporase tsa kgwebo go fokotsa letlhoko la ditiro le le ba apereng. A re go tlhokafala maloko a le lesome le go feta gore go kwadisiwe mokgatlho,a supa fa ba lephata la papadi le madirelo ba isa banana kwa dithutong go ba ruta ka tsamaiso ya dikoporase.

Fa ba a kgwa mothusa tona dikgaba, banni ba motse oo,mo go bone gole Tlhabologo Ramarotse ba supile fa ba tlhaloganya maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng e bile ba dira maiteko a go tsaya mananeo ao,mme sebe sa phiri e le gore go tsaya nako gore ba tsisediwe didirisiwa fa ba sena go isiwa dithutong.

Ba supile gape  fa lenaneo la masingwana a merogo le lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya metsi. Fa a tsibogela dikakgelo tsa banni, Rre Rakhudu o ba kopile go tlhopha mananeo a mangwe jaaka go rua dihutshane ka go itshupagetse fa di dira botoka mo kgaolong ya bone le gone go dira ka bonatla le bopeletelele fa ba abetswe mananeo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Oct 2013