Banni ba lebogela mananeo
28 Jan 2013
Banni ba metse mengwe mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba lebogetse lenaneo la Ipelegeng le mananeo a puso a nyeletso lehuma a ba itshetsang ka one.
Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone Rre John Toto kwa Vaalhoek, Rapplespan,Bogogobo le Kolonkwaneng bosheng.
Ba re ba itumedisiwa ke lenaneo la LIMID, mme sebe sa phiri ke letlhoko la metsi ka go sena kwa ba nosang leruo la bone teng ka kgaolo ya kgalagadi e le sekaka. Ba ne ba kopa gore ditlhwatlhwa tsa theko ya dipodi di okediwe.
Banni ba Vaalhoek le Rapplespan bone ba re ba tlhorontshiwa ke magodu mangwe aa tlodisetsang leruo la bone kwa Aferika borwa bogolo jang dihutsane go ya go di rekisa. Ba re fa se se ka tswelela, se ka ba tlogela mo botlhoking ka ba supa fa go lebega seemo se kekela thata mo nakong ya gompieno le mororo dikgang tsa teng di goroga kwa go ba sepodisi.
Mopalamente o ne a ba kgothatsa thata go tsibogela mananeo a puso a nyeletso lehuma bogolo jang banana, ka go lebega ba sa ntse ba le maoto a tshupa ka dipalo tsa bone tsa ikopelo di le kwa tlase.
Rre Toto o ne a itsisi banni fa ditlhabololo dingwe di tla amiwa ke kwelo tlase ya itsholelo ka theko ya diteemane e le kwa tlase, le matlhabelo a BMC a sa robalelwa ke ditlhokwa. O ne a tswelela ka go rotloetsa banni go inaakanya le mananeo a tshwana le a SHHA le banana go ka sola molemo lenaneo la Back-to-School.
O tlhaloseditse banni ka molao kakanyetso o o rotsweng kwa palamenteng wa botsogo jwa setshaba. Molao o, o tla bo o naya dingaka dithata tsa go ka tlhatlhobela molwetse mogare wa HIV. Molao o gape o rotloetsa setshaba go aba dirwe tsa bone tsa mmele ka boithaopo kwa sepateleng sa ithutelo bongaka.
Fa ba tsibogela molao kakanyetso oo, banni ba ne ba o kgala bare o tla abo a gataka ditshwanelo tsa bone, ka mo nakong ya gompieno go rotloediwa gore motho a itse seemo sa gagwe sa mogare mme a sa patelediwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 28 Jan 2013






