Mosanako o akgola babereki
23 Oct 2013
Modulasetilo wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Lentswe Mosanako, o akgotse babereki ba khansele potlana eo go dira tiro ka manontlhotlho.
O buile jalo kwa moletlong wa go abela babereki dikgele ka go ba leboga ka fa ba berekang ka teng mo Moshupa. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya bonno jwa babereki ka ba bangwe ba theogela ba tswa kwa dikgaolwaneng tse di gaufi le Moshupa.
Mokwaledi wa khansele potlana, Rre Isaiah Odirile, o boleletse batsei ba dikgele gore go tsaya dikgele ke go ba leboga le go ba tiisa moko gore ba tswelele ka go dira bonatla.
A re babereki ba ba berekelang mo khanseleng ba makgolo a mararo masome a mabedi le borataro (326), mme ba ba abetsweng dietsele ngogola ba ne ba le masome a mararo le bosupa (37), fa monongwaga ba oketsegile, ba le masome a borataro (60). A re koketsego e e supa fa ba tshwere ka natla mo tirong le go ntsha maduo.
Mokwaledi mogolo wa khansele ya borwa, Rre Mompati Seleka, a re go fa babereki dikgele ga se go ba duela mme ke go ba leboga. A re puso e dirile ditshekatsheko mo ditirong mme e bone fa babereki ka bontsi e le ba ba tswang kwa mafatseng a sele, a re babereki ba mono gae ba bereke ka bonatla le botshwerere go ntsha maduo mo tirong ya setshaba.
O gakolotse babereki gore ba ntshe dikgwetlho tse ba nang le tsone mo tirong, gore ba kgone go thusiwa ka bofefo, le bone ba tle ba tiise moko go isa ditlamelo ka bonako kwa bathong.
Rre Seleka o itumelela tirisanyo le therisanyo ya badiredi ba maphata a mangwe a a direlang setshaba mo khanseleng ya borwa. A re maphata a nne a nna le bokopano, go buisang ka tse ba ka tokafatsang ditiro tsa setshaba ka tsone le gore ba ka ntsa maduo jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : Moshupa
Event : Kabelo babereki dikgele
Date : 23 Oct 2013






