Makhanselara a kopiwa go ruta batlhophi
23 Oct 2013
Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a gwetlhilwe go itebaganya le dikgaolwana tsa bone ka bongwe ka bongwe go rutuntsha batlhophi ba bone ka botlhokwa jwa go tlhwaafalela mananeo a nyeletso lehuma.
Seo se boletswe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Tshoganetso Leuwe, mo mafokong a gagwe a pulo semmuso ya phuthego ya khansele bosheng. Rre Leuwe o supile fa puso e tshwere ka natla go ntsha Batswana mo lehumeng ka mananeo a nyeletso lehuma, mme fela go lebega fa go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang lenaneo leo go tsamaya ka thelelo.
O boletse fa mo kgaolong ya Letlhakeng lenaneo la nyeletso lehuma, bogolo jang la ditshingwana tsa merogo le lebanywe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi le go tlhoka tlhokomelo, mme a nna a tswelela ka go ikuela mo makhanselareng go tsibosa batlhophi ba bone go tlhwaafalela mananeo.
A re go tlhoka go tsaya maikarabelo ke ba ba abetsweng mananeo go folodisa maiteko a puso a go ntsha Batswana mo lehumeng. O kaile fa go na le bangwe ba ba sa ntseng ba kgona go phuaganya ditshingwana tsa merogo go leba masimo kana ditoropong, mme se se bake gore madi a puso a wele mo motlhobodikeng.
A re kgwetlho nngwe e e ba lebanyeng ke gore badirisi ba mananeo a nyeletso lehuma ba filwe maikarabelo a go itlhophela kgwebo e ba eletsang go tsena mo go yone, mme bangwe ba tsweletse ka go fetogela se ba se tlhophileng morago ga go rutuntshiwa mme se se busetse maiteko morago.
O ne a ikuela mo Batswaneng go emisa go dira jalo ka jaana seo se kgoreletsa lenaneo la nyeletso lehuma go tsamaya ka thelelo.
Mo go tse dingwe, Rre Leuwe o akgotse banni ba kgaolo ya Letlhakeng go bo ba tshwere ka thata go netefatsa gore ba tshelela mo tikologong e e phepa. A re go supagetse fa banni ba metse ya Letlhakeng ba itlamile go tlhokomela tikologo e ba tshelelang mo go yone, ka metse ya bone e tsweletse ka go gapa dietsele mo dikgaisanong tsa phepafatso tikologo tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga.
A re metse e e mo kgaolong ya Letlhakeng e sa tswa go emela kgaolo ya Kweneng kwa dikgaisanong tse mme ga supagala fa maduo a kgatlhisa. O nankotse metse e tshwana le Ditshegwane, Sesung le Mantshwabisi. Rre Leuwe o tsweletse ka go lemotsha Batswana fa kgang ya phepafatso tikologo e ama mongwe le mongwe mme e tshwanetse go emelwa ka dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya khansele
Date : 23 Oct 2013






