Breaking News

Mapodisi a kopa thuso

23 Oct 2013

Sechaba se kopiwa go batlisa mapodisi a Moshupa, Mme Botlhe Malalawesi wa dingwaga tse di masome a mabedi wa kgotla ya Mmaseetsele kwa Moshupa.

O bonwe la bofelo kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe ka nako ya lesome le bobedi motshegare. O dule mo lwapeng a sa laela ope kwa a yang teng.

Mme Malalawesi o itekanetse sentle mo tlhaloganyong. Go kaiwa faa dule mo lwapeng a apere sekete se sentsho se le sekhutshwane le sekipara se sentsho se kwadilwe Love mo sehubeng, le ditlhako tse dintsho.

O mmala wa thupa tsa maretlwa. Yo o ka mmonang o ka ikgolaganya le ba sepodisi sa Moshupa ko mogaleng wa 5449222, 5449268, 5449578 kana a leletsa mapodisi a a gaufi ko mogaleng wa 999. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Moshupa

Event : Patlo ya motho

Date : 23 Oct 2013