Ba tlogela sekolo ba le bantsi
22 Oct 2013
Dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekole kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong ga di jese diwelang.
Se se builwe ke mogokgo wa sekole seo, Mme Segametsi Matlho mo kabong-dimpho ya bana ka labotlhano. Mogokgo o ne a ngongorega ka dipalo tsa bana ba ba tswang mo sekoleng seo tse di golelang pele ntateng ya boimana le go nyelela fela ba tswa mo sekoleng go ya go bereka kwa dipolasing.
O kaile fa go simologa ka ngwaga wa 2011 go fitlha mo nakong ya gompieno, go setse go dule bana ba le masome a marataro le bongwe (61). O ne a supa fa batsadi bangwe ba bana bao ba sa tseye kgato epe ya go ba itsise fa bana ba sa tle sekoleng. Fa a bua ka boitshwaro jwa bana, Mme Matlho o ne a supa fa bo sa kgatlhise gotlhelele ka ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka tsebe, tsa go nwa bojalwa, go goga metsoko jaaka metokwane le e mengwe le gone go ratana ba sa ntse ba le bannye.
O kaile fa batsadi bangwe ba rotloetsa boitshwaro jo bo makgapha jo, ka e le bone ba rekisetsang bana majalwa le metsoko, boemong jwa go ka bo ba gakolola. Mme Matlho fa a lekodisa batsadi ka maduo a sekole seo, o ne a tlhalosa fa a sa nametse, ka mo ngwageng o o fetileng e ne e le 64 per cent mme a kopa bana bogolo jang ba mophato wa boraro go dira ka natla go tokafatsa maduo ao.
Mo tekodisong ya gagwe o ne a tlatsa ka go supa fa kago ya sekole seo e tla tswelela mo nakong e e sa fediseng pelo, le gone gore mophato wa bone o ka amogelwa fela mo sekoleng seo ngwaga o o tlang fa matlo a borutelo le borobalo a weditswe. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Frans Van Westruihuizen, o ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela bana le barutabana go tokafatsa dithuto tsa bone, ka seo se ka thusa le gone go ba betlela bokamoso jo bo eletsegang.
Modulasetilo wa khansele o ne a supa fa barutabana ba nako ya gompieno ba na le dithutego tse di kwa godimo, ditlamelo le maranyane a segompieno fa go tshwantshanngwa le nako tsa maloba; mme se se swabisang ke gore bana ga ba tlhwaafalele dithuto tsa bone. O ne a ngongorega thata ka bana ba ba sa tseyeng dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, bogolo jang ba mophato wa boraro le botlhano, ka ba felela ba tlatsa diphatlha tsa batsadi ba bone kwa ipelegeng.
Rre van Westhuizen o ne a gwetlha batsadi go ruta bana ka botlhokwa jwa thuto go simologa fela kwa malwapeng ba sale bannye le gone go ba ruta botho le maitseo; mme a wela ka go akgola thata bana-le-seabe botlhe mo thutong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 22 Oct 2013






