Rotloetsang bana
22 Oct 2013
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, Rre Donald Seitsang, o kopile batsadi go rotloetsa bana mo tirong ya bone ya sekolo.
Rre Seitsang o buile mafoko a kwa moletlong wa kabo-dimpho wa sekole se ka Labotlhano. A re ngwana o tshwanetse go rotloediwa le ke batsadi ba gagwe kwa lapeng gore a tle a nne le maduo a a botoka. O ne a supa gape gore ga go na gore ngwana o ka dira sentle kwa sekolong a le seganana, mme a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ka tsela tsotlhe, le fa tota ka nako ya kabo-dimpho a ka se tswe ka sepe; ka se se ka tsisa pharologano e ntsi fela thata mo botshelong jwa ngwana ka kakaretso.
Rre Seitsang a re go tlhoka go tla meletlong ya kabo-dimpho ya sekole le boitseme mo go itseng ka tiro ya bana ga batsadi, go supa boitlhobogo mo batsading ka bana ba bone, mme e bile a re se ga se sone, ka tota go betlela bana isago e le gone go tshwaragana le sekole ele botsadi.
A re seemo se ke sone se gape se dirang gore ba tseye nako e ntsi e le bodiredi jwa sekolo go kgalema baithuti ba ba tlhokang tsebe le bone ba ba itirileng magotswana. Rre Seitsang o tsweletse a tlhalosa gape fa sekole sa gagwe se tshwenngwa ke bana ba ba tlogelang sekolo ba basetsana ka ntateng ya boimana. Fa a konela, Rre Seitsang o ne a kopa batsadi go aga isago ya bana ba bone ka go ba kgothatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 22 Oct 2013






