Breaking News

Tshwaragano e ka tlhabolola thuto

22 Oct 2013

Banni ba Ditshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba dumalane le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone, fa go le boammaruri gore ba tshwanetse ba tshwaragana le barutabana go tlhabolola thuto mo baneng.

Ba re bangwe batsadi ba moriti o tsididi fela, ga ba tseye kgato ka bana ba bone ba ba tshabang sekolo mme morago ba ba hirisetsa bangwe Batswana go ya go tswelela e nna babereki le ntswa ba sa ntse ba le babotlana go ka dira jalo. Banni ba ne ba bua se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Rre Gaborone go ba lekodisa ka dikgang di ama thuto mo baneng le ka dikgang tsa tshenyetso setshaba.

Ba re gore bana ba tsoge ba nna le bokamoso jo bo itumedisang, ke fela fa ba ka bona kemonokeng ya motia go tswa mo matlhakoreng ka bobedi, e leng kwa botsading le kwa sekolong, ka jalo ba solofetsa fa ba tla leka bojotlhe go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto.

Rre Gaborone o  kopile botsadi go ema ka dinao go tsenya letsogo le le mashetla mo thutong ya bana ba bone, ba tshwaragane le barutabana kwa dikolong go leka go lemotsha bana fa thuto e le yone e e ka tsogang e ba buletse dikgoro tsa botshelo.

O boletse fa leruo le tse dingwe tse di ikantsweng go ka tshedisa motho di na le go ka fela, mme thuto yone e le boswa jwa sennela ruri. A re le mororo dialogane dingwe di lebanywe ke kgwetlho ya go tlhoka ditiro morago ga go fetsa dithuto, seo se sa tshwanela go kgoba ope marapo ka e tlaare nako nngwe dilo di apare tshiamo.

Fa abua ka tse di amang tshenyetso setshaba, Mothusa Tona Gaborone o ne a kopa gore e lwantshiwe ka ditsela tsotlhe mme e bile e se letlelelwe go ka nna teng ka e le mmaba o mogolo o o ka phutlhamisang itsholelo ya lefatshe.

O kopile gore go tswarisiwe ope yo a ka lemogwang a ikamantse le tshenyetso setshaba gore dikgato tse di maleba di tsewe ka bonako. E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane a bolela fa a tshwenngwa ke go tlhoka koloi ya puso mo kgotleng ya gagwe a bolela fa e ba kileng ba bo ba na nayo e sale e tserwe mme le jaana ba ise ba fiwe e nngwe.

A re selo se se ba berekisa bokete ka ba tshelela mo go jakeng dikoloi kwa dikgotleng tsa metse e mengwe, mme a kopa mo go mothusa tona go ya go ba boletsa gore matsapa di a tsaya kae. Mo malebong a gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng bophirima Rre Ngaka Ngaka, o ne a kopa batsadi go gagamatsa setoropo mo baneng, a bolela fa metlha e se ya maloba ka bana ba gompieno ba tlhalefetse thata dilo tse di duleng mo tseleng, ka jalo ba tlhoka kgalemo e e mashetla go laolesega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lillian Peloentle

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Oct 2013