Dikereke di kopiwa go ema puso nokeng
22 Oct 2013
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa Aferika tsa semoya, Moruti Mookami Motlhagodi, o kopile maloko a dikereke tsa semoya go tshwaragana le puso mo maitekong a yone a go tsamaisa lefatshe.
O buile mafoko a ka mafelo a beke kwa Serowe mo moletlong o o neng o tshwerwe go tlhomamisa lekalana le le okametseng dikereke tseo mo kgaolong ya legare. Moruti Motlhagodi a re dikereke di tshwanetse go netefatsa gore go nna le kutlwisisano gareng ga tsone le puso, ka jaana se seka thusa thata go lwantsha borukutlhi le mekgwa e e sa siamang mo setshabeng.
A re jaaka baeteledi ba dikereke tsa semoya mo Botswana ba tshwentswe ke dikereke tse gantsi o fitlhelang go lwelwa maemo mme di felele di thubega go tlhamiwa tse dingwe, a re se se tshwanetse go tla kwa bokhutlong. O tsweletse ka gore mekgwa ya mofuta o e isa dikereke tseo kwa tlase mme maikaelelo ke gore go rutuntshiwe baeteledipele ba dikereke go hema seemo se.
A re go botlhokwa gore dikereke di buwe ka lentswe le le lengwe ka gore seo se tlaa dira gore di tshwaragane mme go rene kagiso. O tlhalositse fa lekgotla leo le tlhamilwe ka ngwaga wa 1984 mme ebile le kwadisitswe le ba lephata la kwadiso mekgatlho, a tlatsa ka gore go mo maruding a bakereki jaanong gore ba bereke ka boineelo, botswerere le maikarabelo a a bonalang mo setshabeng.
Fa a tswa la gagwe modiri kwa lephateng la ikwadisetso dintsho, matsalo le mekgatlho Mme Neo Baruti, o lebogetse lekgotla leo la dikereke tsa semoya tsa Aforika gore abo le ikwadisitse le ofisi mme a gakolola gore ngwaga le ngwaga ba tshwanetse go netefatsa gore ba teng.
A re jaaka dikereke, tsholofelo ke gore abo ba na le molao-motheo mme ba netefatse gore ba sala molao-motheo oo morago ka gore fa ba sa dire jalo ba tlaabo ba tlola molao wa lefatshe. O tlhalositse gore go botlhokwa gore fa ba fetola sengwe mo molao-motheong ba itsise mokwadise pele, a boa a tlatsa ka gore go tshwanetse go nna mo pontsheng gore kereke e tshwara madi jang e bile e dirisa bokae mo ditirong ka go farologana.
A re se se botlhokwa ka jaana mo malatsing ano dirukutlhi di tlhakaladitse mme ebile gole gantsi, go tlhoka go nna le pego ya madi, ele mangwe mabaka a a bakang dikgotlhang mo dikerekeng. Mme Baruti o tlhagisitse gore ke molato go kereka mo lwapeng le mafelo a mangwe jaaka mabala le dikgwa ka jaana seo se leswafatsa tikologo ebile se baya matshelo a batho mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Serowe
Event : Tlhoma semmuso ya lekalana
Date : 22 Oct 2013






