Breaking News

Ba amogela dipodi

21 Oct 2013

Megolokwane le menyenyo di ne di lelela boatleng kwa Gasita, Lorolwane, Moshana le Selokolela mo kgaolong ya Borwa beke e e fetileng fa bodiredi jwa puso mo lenaneong la nyeletso lehuma ba ne ba abela banni dipodi, dikoko le go aga ditshingwana tsa merogo mo digotlong.

Lekoko leo, le le neng le eteletswe pele ke mothusa molaodi wa Kanye, Mme Segopotso Nkwane, le ne le dule letsholo la go abela ba ba neng ba tlhophiwa go fiwa dipodi le dikoko le dthuso tse di ngwe mo lenaneong la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo. Lekoko le ne le eme ka dinao le aga masaka le aga dihoko tsa dikoko le metlaagana ya merogo kwa metseng eo ba bo ba tlhatlhela dipodi ka yone nako eo.

Ba ba abetsweng dipodi kwa Gasita ba lesome le  bobedi, Lorolwane  ba fera bongwe fa kwa Selokolela ba supa. Go rekilwe dihutshane di le 370. Ba ba abetsweng dipodi le melemo ya tsone le dijo tota gore ba nne ba itataise, ba ne ba thusiwa ka go aga masaka le go tlhatlhela.

Molaodi, Mme Nkwane o boletse fa tiro e wetse sentle mme sebe sa phiri e le gore bone ba ba hiwang leruo leo ba le maoto a tshupa go aga masaka go thusa lekoko. O boletse fa barui ba tikologo eo ba gana go ba rekisetsa leruo.

Gatwe bangwe barui ba re ga ba kake ba neela batlhoki leruo la bone ka gore ga ba itse go tlhokomela. Bangwe barekisi ba boletse fa puso e diega go ba duela fa ba sena go rekisa leruo la bone. Ka ditshingwana tse di mo digotlong mathata ke tlhaelo ya metsi e e apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba.

Mongwe wa ba ba neng ba amogela dikoko ko Selokolela  mme Tshwarelo Ramodikela o boletse fa a itumeletse lenaneo thata ebile a tsile go tlhokomela dikoko tseo thata gore botshelo ja gagwe bo fatlhoge.

Fa Mme Mmasennye Wapula a itumeletse dipodi thata, a bolela fa a tsile go tlhokomela thata gore baagisanyi nae ba itse fa podi e kgona go lela ko ga gagwe. A re le ene o tsile go ithekela sukiri le phaletshe ka dipodi tsa gagwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Selokolela mme Roda Mapunono o boletse fa ba tla thusa gore ba ba abetsweng leruo ba le tlhokomele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Lenaneo la nyeletso lehuma

Date : 21 Oct 2013