Bimbo o seegetswe fa thoko
21 Oct 2013
Kgosi wa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi, Kgosi Sam Bimbo o seegetswe fa thoko mo tirong.
Kgosi Bimbo o seegetswe kwa thoko go simologa kgwedi e e fetileng ya Lwetse e le lesome le boraro, morago ga go amega mo kgannyeng nngwe le ba sepodisi. Go bolelwa fa Kgosi Bimbo a tlaa boela mo tirong fela morago ga kgang eo e sena go wela.
Se se builwe ke mokwaledi mo makgotleng a Setswana mo Kgalagadi Borwa, Mme Motlhatswi Pule mo potsolotsong. Mokwaledi mo makgotleng a Setswana o tlhalositse fa ene le kgosi David Toto II ba ne ba patelesega go ya go itsise morafe mabapi le seemo seo mo bekeng e e fetileng.
Mme Pule o kaile fa mo nakong ya gompieno morafe wa Omaweneno o thusiwa ke dikgosana tsa tetlanyo, ntleng le dikgang tse di ba fetileng, tse morafe o tlaa patelesegang go di bega kwa Tsabong go bona thuso.
O ne gape a kaya fa mo nakong eo kgosi a tlaa bo a sa letlelesege go dira tiro epe ya puso. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba santse ba kopile thuso kwa ofising-kgolo ya bone kwa Gaborone go thusiwa ka dikgosi dingwe tse di gaufi tse di tla thusang mo dikgannyeng tsa ditsheko. ENDS
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 21 Oct 2013






