Breaking News

Banni ba Serinane ba ngongorega ka bakgweetsi

21 Oct 2013

Banni ba Serinane mo kgaolong ya Letlhakeng Botlhaba ba supile matshwenyego ka bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Letlhakeng/Molepolole e e  ralalang motse wa bone, ka jaana ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e bile ba sa obamele matshwao a tsela.

Banni ba dirile ikuelo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Liakat Kablay. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Wabone Setudumane, o supile fa bakgweetsi ba ba dirisang tsela eo ba taboga ka lebelo le le feteletseng ebile ba sa rekegele matshwao a tsela.

A re go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng go diphatsa thata mo banning ba motse oo, ka baithuti ba kgabaganya tsela eo  ba ya dikolong. Banni ba kopile mopalamente go ikopanya le ba ofisi ya ditsela go sekaseka gore seemo seo se ka tokafadiwa jang.

Ba ne ba kopa gape gore bogolo go dirwe dilo tse di ka fokotsang lebelo ka jaana matshelo a bone a le mo diphatseng. Go ba kgwa kgaba, mopalamente Kablay o ne a supa fa le ene a tshwentswe ke bakgweetsi ba tsela eo ka ba kgweetsa ba sena kelelelo ntswa tsela eo e ralala motse. Fa a itebaganya le dikgang tsa thuto, Rre Kablay o ne a kopa banni ba motse oo go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana.

O supile fa puso e tshwentswe ke go wela tlase ga maduo a baithuti mo lefatsheng, bogolo jang a dikolo tse di kgolwane. O supile fa baithuti ba sa tseye dithuto tsa bone tsia ka ba tsweletse ka go supa maitsholo a a makgapha le go ngala dithuto ntswa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone.

O gwetlhile batsadi go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a supa fa thuto e le bokamoso jo motho a ka sekeng a bo amogwe ke ope. Rre Kablay o tsweletse ka go kopa batsadi go tsibogela go direla bana ditlankana tsa matsalo le dikarata tsa Omang ka jaana di le botlhokwa fela thata.

Fa a leboga mo phuthegong eo,mokhanselara wa Moshaweng, Rre Tshepiso Lesope o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Oct 2013