Breaking News

Ntebele o tla a tshuba dibeela

21 Oct 2013

Kgosi wa Palapye Kgosi Raditanka Ntebele o ikaelela go tshuba dilo tse di kganelang pula go na.

A re lefatshe leno le sa tswa go rapelela pula gore e ne, mme fa dilo tseo di santse di le teng go thata gore pula e ka na. O supile fa a ikaelela go ntsha dibeela tse di beilweng mo motseng wa Palapye, tse a reng di kganela pula go na.  

Dibeela tse, a re ke dilo tse batho ba di dirisang fa ba alafiwa kana ba phekolwa ka bongaka jwa setso. Godimo ga moo, Kgosi Ntebele a re Batswana ba tshwanetse go ikela tlhoko mo bathong ba ba tsietsang batho ba ipitsa dingaka tsa setso, ba ebileng a belaelang fa e le bone beng ba dibeela tse di kganelang pula mo motseng wa gagwe. Kgosi Ntebele a re dibeela di tswa kgakala di le teng, a tlhalosa fa go di tshuba go tswa kgakala.

O boletse fa bogologolo kgosi e ne e bolotsa mophato go di batla fa pula e gana go na, mme di ne di phuthiwa, di bo di tshubiwa ke dingaka tsa Setswana mme morago pula e ne. A re fa di sena go tshubiwa jaana, baswelwa ba ne ba phuthiwa mme ba tlhapisiwe ka mogaga. O tswelela ka go supa fa e tlaabo e se lantlha dikgosi di tshuba dibeela mo Palapye, e bile ene o ikaelela gore di tshubiwe pele a ka bolotsa letsema.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 21 Oct 2013