Goya o rotloetsa tirisano mmogo
21 Oct 2013
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya a re Batswana ba dia ditlhabololo ka go tlhoka tirisano mmogo, tshwaragano, kamogelano le lerato. O buile jalo le balemi ba masimo a Dikabeya gaufi le Palapye bosheng mo phuthegong e a neng a e tshwere.
Fa araba selelo sa bone sa lenyora kwa masimong a bone, o ne a ba bolelela gore puso e sale e rotloeditse gore balemi ba itshwaraganye gore masimo a bone a agelelwe gore go nne motlhofo go ba gokelela sediba go lwantsha lenyora mo masimong mme thotloetso eo ga e diragadiwe ka lebaka la go tlhoka tirisano mmogo.
A re fa e ne e rile puso e tswa ka lenaneo le ba bo ba le tsaya ka tlhwaafalo ba kabo ba setse ba lebetse ka lenyora. O ne a tswelela a gatelela kgang ya gagwe ka go ba kopa gore ba ye kwa diofising tsa puso tse di lebanyeng go isa kopo ya go agelelwa masimo gore kgang ya lenyora e fele.
Rre Goya o ne a supa gape gore puso e dirile lenaneo la nyeletso lehuma, mme a supa fa a tshwenyegile thata ka batho ba sa dirise lenaneo le. Goya o ile a ba rotloetsa gore ba ye go lema ka ditselana monongwaga ka gore ke gone mo go nang le maduo a a nametsang,ebile ke gone mo puso e rileng e ya go thusa ba ba lemang ka ditselana fela.
O ne a tswelela ka gore bo raditerekere ba ba senang didirisiwa tse di lemang ka ditselana ba ye go hirisa tsa puso gore batle ba kgone go lemela batho. Balemi bao gape bane ba rotloediwa go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo ka ke tsone tse di ka thusang gore ba bone ditlamelo tse di tshwanetseng mo masimong a bone.
Kwa bofelong, mopalamente o ne a ba lekodisa ka seemo sa ditlhabololo tsa Palapye, a bolela fa go tsweletswe ka lenaneo la go isa metsi kwa dikgaolwaneng tsa Extensions le gore Mmadikolo yo o mo Palapye o tlaa simololwa go dirisiwa ngwaga o o tlang.
Fa a tswa la gagwe Rre Gagoitsewe Johannes o ile a lekodisa mopalamente fa ba batla gore badirela puso ba emise go nna ba isa ditlamelo tsa bone kwa masimong a Dikabeya, a re go lebega ba tsiediwa ke maina ka gore masimo a bone ke Dikabeyana eseng Dikabeya.
A re masimo a mabedi a farologane ka sekgala sa 15km mo ba ka sekeng ba kgone go ya go tsaya dipeo kwa Dikabeya. A re ba tsweletse ka go ikagela ofisi mo kgotleng ya bone ya masimo gore ba bone fa ba ka tlang ba phakela dipeo teng. Rre Johannes a re ba tshwenngwa ke diphologolo mo masimong a bone bogolo jang ditholo tse di tlolelang mo masimong le fa di ageletswe. A re ba tshela ka letshogo ka go na le batho ba ba nnang ba tla go tsoma diphologolo tse ka di le dintsi kwa masimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : Palapye
Event : Phuthego ya mopalamente
Date : 21 Oct 2013






