Ba Maape ba tlhoma kgosi semmuso
21 Oct 2013
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye o kopile kgosi wa Maape go rotloetsa ngwao ya Setswapong gore morafe o e itse ka e le yone e ka o kopanyang.
Fa a bua kwa letsatsing la ipelelo peo ya ga Kgosi Matshwenyego Rantsiapana wa Maape, Kgosi Segotsi o boletse fa ngwao ya merafe e le yone e e ka kgonang go dira kagiso mo go yone.
A re Kgosi Rantsiapana ke ene a eteletseng morafe wa gagwe pele ka jalo ke ene a ka o letlanyang. Kgosi Segotsi o ne a lebogela tirisanyo mmogo ya morafe wa Maape a bolela fa go ne go sena kgololesego fa go bewa Kgosi Rantsiapana semmuso ngwaga o o fetileng.
A re mo bogompienong go bonala go rena kagiso ka morafe o ne wa tla ka bontsi go tla go ipelela peo ya kgosi ya bone. O boletse fa kgosi e le kgosi ka morafe wa gagwe ebile gape e le thotobolo e olela matlakala.
A re kgosi o tshwanetse a nne boikobo ebile a amogele dikgwetlho tsotlhe tse di tlang a bo a bone gore a ka di fema jang. O ne a rotloetsa Kgosi Rantsiapana go rerisanya le morafe wa gagwe ka dinako tsotlhe le go o tsaya ka tekatekanyo. A re o tshwanetse gape a tsenye kgalemo mo morafeng go fema tlhakatlhakano.
A re tumelo ke yone gape e ka agang motho ka jalo Kgosi Rantsiapana o tshwanelwa ke go nna le yone. Kgosi Segotsi a re keletso ya morafe ke go bona ditlhabololo ka jalo kgosi o tshwanelwa ke go dirisanya le komiti ya ditlhabololo tsa motse go o tlhabolola.
Fa a bua kwa letsatsing leo Kgosi Rantsiapana o ne a bolela fa a itlamile go dirisanya le morafe wa gagwe. A re o na le kgwetlho ya go kopanya morafe wa gagwe ka o santse o kgaogane mme ka thuso ya magosi a metse e mengwe o na le tsholofelo ya gore o tlaa fenya kgwetlho e.
Mothusa Tona wa Lephata la temo-thuo Rre Oreeditse Molebatsi o ne a rotloetsa morafe wa Maape go itirela kagiso mo motseng wa bone ka go sena ope yo o ka e dirang kwa ntleng ga bone. A re moletlo oo o supa fa go tla rena kagiso ka morafe o ne wa tla ka bontsi go ipelela peo ya kgosi. Rre Molebatsi o ne gape a abela Kgosi Rantsiapana kgomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Peo ya kgosi
Date : 21 Oct 2013






