Breaking News

Leobo la bagodi le butswe kwa Molalatau

21 Oct 2013

Modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa a re puso e seegetse fa thoko ditiro dingwe tsa ditlhabololo ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo e e amileng mafatshe go balelwa la Botswana.

Mokhanselera Ishmael Legwaila o buile seo fa a ne a bula semmuso leobo la bagodi le le lopileng madi a a fetang P7 000 kwa Molalatau. Rre Legwaila a re lefa go ntse jalo, ditlhabololo tse di tshwanang jaaka metsi le motlakase puso e ne ya bona go le botlhokwa gore di tswelele ka go dirwa jaaka kepo ya matamo go akarediwa la Thune le a reng le setse le fedile.

A re mme go setse gore boraditogamaano ba sekaseke bora-dikonteraka go balelwa tsa Batswana go bona gore go epiwe mesele ya dipompo tse di tlaa phatlalatsang metsi le metse ya Bobirwa, a re gape le go gokela didiba dingwe go nama di siela batho metsi, a re madi a setse a bonwe a go dira ditiro tseo.

A re mo nakong eno konteraka e setse e simolotse  go betla ditsela tsa Bobonong tiro e e areng bana bangwe ba bone ditiro go oba letsogo, a tlhalosa fa ditiro tse di saletseng kwa morago di tlaa dirwa fa itsholelo e sena go itshetlela ka jaana mo nakong eno puso e santse e tlhaelelwa ke madi.

Rre Legwaila a re se se diragetse ka ntata ya boeteledipele jwa bopalamente le khansele, fa a itebaganya le dibetso tsa tlholego morago ga dipula tse di neleng ngwaga ono Rre Legwaila a re, go tlaa agiwa matlo a le masome a mabedi le bone kwa Molalatau go thusa ba ba amegileng, a tlhalosa fa boemedi bo le botlhokwa gape   bo na le dikgwetlho  mme ebile maano a boemedi a sa tle motlhofo.

O galaleditse boeteledipele jwa motse wa Molalatau go akarediwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mokhanselara, ba bogosi le bodirela puso go bo ba tshwaraganetse ditlhabololo tsa motse wa bone le go nna le tebelopele, a re go supa fa ba rata loago lwa motse wa bone.

E ne e rile go le pele mokhanselara, Rre Nathaniel Moribame a rotleotsa setshaba go ikwadisetsa ditlhopho tsa botlhe tsa 2014 mo ikwadisong e e tsweletseng gore ba tle ba nne le sebaka sa go itlhophela baemedi ba ba ba ratang, a re go itlhokomolosa tlhopho ke go ithontsha tshwanelo.

Rre Moribame o boleletse banni ba motse oo ba baneng ba tsile ka bontsi fa jaanong matlhophelo a masimo a mhawana a wela kafa tlase ga kgaolo ya Molalatau ka jalo ba ba gaufi le one ba gololesegile go ka ikwadisetsa ditlhopho teng.

O bile a ba itsise gore go dumalanwe gore dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV di tlaa tseelwa kwa kokelwaneng ya Molalatau go simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa e le bontlha bongwe jwa go atametsa batho ditlamelo tsa botsogo mme tekodiso yone e tlaa bo e santse e dirwa mo Bobonong

A re mo kgweding ya Sedimonthole go tlaa bonwa gore baka thusiwa jang mabapi le go itekodisa ba bongaka ka jaana ba botsogo ba ikaelela go tlhabolola tsa botsogo, a re kokelwana ya bone e tlaa tlhabololwa mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 fa madi a ka bonwa.

Rre Moribame o ne a abela bagodi ditilo di le masome a mane tse ba tlaa di dirisang kwa moriting wa leobo le ba le agetseng bagodi ka tshwaragano ya mokhanselera, VDC, bogosi le badirela puso, a re gape bane ba  atolosa leobo la kgotla, a supa fa ba tshwaraganetse togamaano ya ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gloria Thitoyamore

Location : Bobonong

Event : Pulo semmuso

Date : 21 Oct 2013