Bogodu jwa diphologolo bo ile magoletsa
28 Jan 2013
Mothusa mookamela mapodise a Tsabong, Assistant Superintendent Keagetswe Lorato a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa diphologolo jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Kgalagadi.
A re fa e sale ngwaga o simologa, ba gatisitse dikgang di le lesome tse di amanang le go tsomiwa le go bolawa ga diphologolo e se ka fa molaong.
Rre Lorato o gakolotse fa diphologolo di le mosola ka di oka bajanala ebile di godisa itsholelo ya lefatshe.
A re borre ba le bane kwa Maubelo ba tllhotlhomisiwa ke mapodise mabapi le go fitlhelwa ka matlotse a le mabedi.
Assistant Superintendent Lorato o tlhalositse fa babelaelwa bao ba le dingwaga tse di masome a mabedi le boraro go ya kwa go tse di masome a mane le bongwe mme ba bonwe ke mapodise morago ga go lomiwa tsebe ke bangwe.
Rre Lorato o supile fa babelaelwa bao, ba fithetswe ka matlotse a le mabedi a matonanyana a a tshelang kwa kgotleng ya Logonono kwa Tsabong kgwedi e tlhola malatsi a supa. O rurifaditse fa go belaesega fa maikaelelo a borre bao e ne e le go ya go rekisa matlotse ao kwa Afrika Borwa.
A re ba santse ba tshegeditse babelaelwa bao fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di santse di tsweletse, a kaya fa matlotse e le dingwe tsa diphologolo tse di sireleditsweng fela thata e bile di sa tsomiwe ka di se dintsi ka palo.
A re babelaelwa bao morago ga ditlhotlhomiso ba tla isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa ba ka bonwa molato batla lefisiwa P10 000 kana go kiba dingwaga di supa mo kgolegelong,
Mo go tse dingwe, mapodisi a tsweletse ka go tlhotlhomisa banna ba le bararo mabapi le go fitlhelwa ka nama e go belaesegang ele ya phofu kwa morakeng wa Six Mile gaufii le motse wa Omaweneno.
Assistant Superintendent Lorato are babelaelwa bao ba ba dingwaga tse di masome a mabedi le boraro go ya kwa go tse masome a mararo le boraro ba ba leng bararo ka palo, ba ne ba fitlhelwa ke mapodise ka nama eo, e baneng ba e pegile mo setlhareng kwa nageng morago ga go lomiwa tsebe ke bangwe.
Rre Lorato o supile fa babelaelwa bao ba ne ba bolaile phofu eseng kafa molaong. Are mo nakong ya gompieno borRre bao, ba sa ntse ba le mo diatleng tsa mapodise, mme morago batla isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. Ar e fa ba ka bonwa molato batla duedisiwa madi aa sa feteng P5 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse tlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : potsolotso
Date : 28 Jan 2013






