Breaking News

Palapye o tlhoka ditsela

20 Oct 2013

Mopalamente wa Palapye Rre Moiseraele Goya a re go gola ga motse wa Palapye go tlhokana le ditsela tsa sekonotere tse di tlaa fokotsang mosuke wa dikoloi.

Fa a bua le banni ba kgaolwana ya Extension 5 mo Palapye, Palapye a tlhola lesome le bosupa, Rre Goya a re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go dira ditsela tsa sekonotere tse di tla thusang go fokotsa mosuke. A re ditsela tse di tshwanetse go thusa dikoloi tsa setshaba tse di tla bong di tswa kwa maemelong a masha a dipalamo tsa setshaba.

A re ga go na mosola wa gore khansele e age maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba mme dikoloi tsa setshaba bogolo jang dithekisi di bo di sa kgone go isa setshaba kwa se batlang go ya teng. Rre  Goya a re go itsa mosuke wa dikoloi tse di tswang Gaborone, Francistown le Serowe di tsena mo Palapye, go tshwanetse ga nna le tsela e tswang mo Palapye e wela mo go ya Francistown, go fokotsa mosuke wa dikoloi fa go sa tlhokafaleng teng.

A re khansele e tshwanetse go akanyetsa go tshela tsela e e fetang kwa mabitleng a Mmaphula e wela kwa tseleng ya Francistown gore dikoloi tse di yang le tse di tswang Francistown di dirise tsela eo go na le go dirisa tsela e e fetang ka marekisetso a leokwane a Engen.

A re ba ba tswang Gaborone ba ka dirisa tsela e e tsenang mo khurumela. Mo godimo ga se a re motse wa Palapye o tlhokana le mesele ya metsi gore fa dipula di nele metsi a kgone go laolesega.

A re mo bogompienong ke selelo sa khuranyo ya meno fa dipula di nele mo Palapye ka metsi a thibela batho mo malapeng ebile go sa tsamaege. A re khansele potlana ya Palapye e tshwanetse go itebaganya le seemo se. Mo godimo ga se a re Palapye o tlhoka lebala la metshameko le le akaretsang metshameko e e farologaneng gore batshameki ba tshwarele dikgaisano le ikatiso mo go lone.

A re Palapye o na le ditlhopha tse di farologaneng tsa metshameko tse di nang le kgwetlho ya mabala a di ka tshamekelang mo go one. Fa a tswa la gagwe mogolwane wa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation mo Palapye Rre Matlotlo Obusitswe a re kgaolwana ya Extension 5 le 6 ga mmogo le tse dingwe tse disha, ga di na metsi sentle ntateng ya tlhaelo ya madi go gokela kgaolo eo.

A re tlhaelo ya madi e santse e emisitse go gokelwa ga metsi mo dikgaolwaneng tseo, mme a tlhalosa fa puso e sa nna fela mme e santse e leka go rarabolola kgwetlho e.

O rotloeditse banni ba Palapye go somarela metsi, a re lefatshe leno le na le tlhaelo e tona ya metsi, a tlhalosa fa matamo a Bokaa le Nnywane a setse a tswetswe ka gore a kgadile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Oct 2013