Kgosi o kopa tirisanyo mmogo
20 Oct 2013
Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa motse wa Letlhakeng, a re ga a itumedisiwe ke tirisanyo mmogo e e saletseng kwa morago ya morafe wa motse wa gagwe.
Kgosi Gaoonwe o buile seo mo potsolotsong le BOPA, gore o ntse a lebeletse gore o ka bona tirisanyo mmogo ya gagwe le banni ba Letlhakeng mme a re seo se tlhabisa ditlhong ka go na le bangwe ba ba santseng ba itirile magotswana a ditlamelo tsa motse wa bone. Kgosi o boletse fa kgotla-kgolo ya gagwe e sena folaga ka gobo mogala wa folaga go sa itsiwe yo o ka tswang a o utswile.
Kgosi Gaoonwe o tsweletse a tlhalosa fa go lebega mogala wa folaga o na le malatsi a le mmalwa o nyeletse mme ene a tswa go lemoga malatsi a mabedi a a fetileng.
O ne a tshwaa banni phoso, a re se jaanong se nyenyefatsa motse wa bone. Kgosi a re jaanong o patelesega go nna a ikopa maitshwarelo mo baeng ba ba tlang go buisa diphuthego mo motseng wa bone mme se se dirwa ke banni ba motse wa gagwe ka ba sena mowa wa go tlhokomela ditlamelo tse ba di filweng.
Kgosi o ne a tswelela ka go rotloetsa banni gore ba nne mapodisi a ditlamelo tsa motse wa bone ka go sena ope yo o ka tswang go sele a tla go ba lebelelela ditlamelo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 20 Oct 2013






