Jumbo e abela batlhoki
20 Oct 2013
Rre Ishfaq Patel wa lebentlele la Jumbo mo Selebi Phikwe le lelwapa la gagwe ba ne ba ipelela dingwaga tse tlhano tsa matsalo a morwadiabone Afreen Patel ka go abela batlhoki le bana-le-bogole ba le masome a mararo le botlhano mephuthelo ya dijo le melora.
Moletlo o o ne o tshwaretswe kwa ntlonglehalahala ya Botshabelo mo Selebi Phikwe. E rile fa a amogela baeng, Rre Venson Tebogo, yo e leng modulasetilo wa koporase ya baji-bareki, yo o neng a bua mo boemong jwa mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe, a re Rre Patel o rulagantse tiragalo ya mofuta o go na le moletlo wa matsalo, e e tlwaelesegileng ka go gopola lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe ya ngwaga wa 2016, la tshaba e e kutlwelobotlhoko.
A re ke mokgwa o montle thata gore le fa go le monate o bo o ntse o gopola ba bangwe segolo jang ba ba dikobodikhutshwane.
Mokhanselara wa Ikageleng Phase I, Mme Mmapula Matlhole yo o neng a amogela dimpho tse, a re ka sejo sennye se sa fete molomo, o lebogetse go menagane dimpho tseo ka gore se se amogetsweng ke sengwe se se dirileng pharologanyo e e botoka mo matshelong a ba ba di amogetseng.
O boletse fa dithuso tse di tswang kwa Jumbo di supa fa Rre Patel le lelwapa la gagwe e le Batswana, go sa kgathalasege gore ke batho ba letso lefe gape di supa le tshwaragano. A re go a itumedisa go bona goromente a thusiwa ka go tlhokomelelwa batho. Rre Mmopiemang Basebi yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Selebi Phikwe, o ne a re o leboga thata ka tiragalo e ntle e e neng e le gone e diragalang mo ditsong tsa kgotla ya Botshabelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esaleone Molaodi
Location : Selibe Phikwe
Event : Kabelo batlhoki
Date : 20 Oct 2013






