Breaking News

Komiti e iteelwa legofi

20 Oct 2013

Badirela puso ba kgotlana ya Lodubeng  mo Kanye ba mokgatlho wa Ntebele ke go lebele ba akgoletswe tirisanyo mmogo.

Go buile jalo dibui ka go farologana morago ga gore komiti eo e thuse mo patlong ya  monna mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro yo a  neng a  timetse bosheng mo Kanye. Monna yoo go bolelwa a tlholega kwa motseng wa Mokobeng kwa Tswapong, mme  ka a sa tsoge sentle  ngwana wa gagwe a mo tseetse  mo Kanye kwa a direlang teng go thusa ba lelwapa  go  mo oka.

Go utlwala fa rre yoo a ne a tswa mo lwapeng ka Sontaga a itsamaela fela go fitlhelela a bonwa kwa molapong wa Taueshele, kgakajana le Kanye bosheng. Mongwe wa maloko a mokgatlho oo Mme Sadi Modikwe  a re fa a sena go utlwa fa leloko lengwe le timeletswe ke motsadi o ne a leletsa yo mongwe gore ba mo tswe thuso.

Mme Modikwe a re ka go ne go setse go le bosigo ba ne ba bitsa bangwe ba borre ba le babedi le modulasetilo, mme ba simolola patlo. A re e re ka e se gantsi e re motho a timetse a bo a bonwa a santse a tshela ba bone go tshwanela gore ba ikakgole.

Fa a ntsha la gagwe Rre Lesika Mosarwa a re fa go na le mathata a tsibogelwe ka bofefo,go bo go begelwe kgosi le mapodisi. A tlhalosa fa go santse go na le bangwe ba ba  felang pelo fa ba bodiwa ka  ga motho fa a  timetse. A re se se supa gore morafe o tlhoka go rutwa ka tirisanyo mmogo bogolo jang ka nako ya mathata a a tshwanang le a.

Rre Mosarwa a re sengwe se se batlileng se ba fatlha ke gore mapodisi ba  bo  ba re ba na le  sebaka se  ba se  beileng gore go ka tsewa tshwetsoya gore  motho o timetse go na le  go tsiboga.  Kgosana ya  Tetlanyo Rre Modietsho Mathiba  mo boemong jwa ga kgosi Malope II o ne a lebogela mokgatlho oo go bo ba  bopagane.

Rre Mathiba a re komiti e e dirile tiro e kgolo ebile ba supile lorato, mme a ba kopa go tswelela fela jaaka ba dirile. A re go utlwala fa ba ne ba batla rre yoo ka bojotlhe selo se a reng Modimo o tlaa se ba segofaletsa. Fa a bua mo boemong jwa mapodisi Insepector Kebadire Mmopi le ene o ne a leboga komiti eo a ba a  tlhalosa fa e gaisa  di le  dintsi mo Kanye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Phuthego ya morafe

Date : 20 Oct 2013