Bakgweetsi ba kgothadiwa go nna le boikarabelo
20 Oct 2013
Bakgweetsi ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo ka go dirisana sentle mo ditseleng le bakgweetsi ba bangwe ka seo se ka fokotsa dikotsi tse di diragalang mo lefatsheng leno.
Mafoko a a builwe ke mookamela mapodisi a pharakano mo Tsabong Assistant Superintendent Pandora Kgosimore mo dithuto seka dipuisanong tse di neng di rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng bosheng.
Fa a bua maikaelelelo a letsatsi leo, mookamela mapodisi a pharakano ebile ele mothusa modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng , o ne a tlhalosa fa e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa ipabalelo tseleng ; go fokotsa dikotsi; go ba kgothatsa le go ba tsibosa ka botlhokwa jwa go obamela matshwao a tsela; go ele tlhoko batsamaya ka dinao ka nako tsotlhe le gone go ba rotloetsa go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka go tsamaya ba tsere diatlana (gloves) mo dikoloing tsa bone.
Assistant Superintendent Kgosimore o ne a tswelela ka go tsibosa bakgweetsi fa gantsi dikotsi tse di diragalang mo kgaolong ya bone kgapetsakgapetsa di bakwa ke go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng; go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso; go kgoreletsa bakgweetsi ba bangwe go kgweetsa ba sena ditlankana; morwalo oo feteletseng mo dikoloing tsa setshaba le gone go kgweetsa ba nole bojalwa mo a supileng fa e le one molato o o di gogong kwa pele thata mo kgaolong ya Kgalagadi borwa.
Rre Kgosimore o ne gape a tlhalosetsa batsena dithuto-puisano tseo ka dikatlholo tse di tsentsweng mo tirisong mo ngwageng ono; ya go kgweetsa o nole bojalwa a kaya fa e le P3.000.00, kana ngwaga le dikgwedi tse thataro mo kgolegelong. One a tswelela a tlhalosa ka mefuta e mebedi ya mechine e e tlhatlhobang selekanyo sa bojalwa mo bakgweetsing le tiriso ya yone.
O kaile fa katlholo ya go bua ka mogala o kgweetsa yone e le P200.00 kana go feta kana go atlholelwa kgwedi tse pedi o disa poo. Mookamela mapodisi ebile e le mothusa modulasetilo o kaile fa dikotsi tse ba di gatisitseng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e leng Tsabong, Middlepits, Bokspits le Werda go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Lwetse monongwaga di le masome a supa le borataro (76) , fa dintsho tsa ba ba tlhokafetseng di le nne (4).
Sebui sa tlota sa letsatsi leo, Inspector Ookeditse Dipholo boemong jwa ga mookamela mapodisi a Kgalagadi, o kaile fa letsatsi le le le botlhokwa ka ele la go ithuna dinta ga bakgweetsi le go ya go baakanya diphoso tsa bone tse di bakang dikotsi; a tla a ba rotloetsa go nna le tirisanommogo mo bakgweetsing ba bangwe le mapodisi .
Inspetor Dipholo o ne a gwetlha bakgwetsi bogolo jang ba banana go tila go kgweetsa ba nole bojalwa ka ba ka felela ba tseelwa diteseletso tsa go kgweetsa mme di le botlhokwa, ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone.
Mongwe wa bakgweetsi yo ebileng e le morutintshi wa bakgweetsi, Rre khamara Asele o ne a supa ba lephata la ditsela ba ga goromente le ba khansele ka monwana a re ga ba tlhokomele ditsela tse di mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa bogolo jang ya Tsabong go ya Kokotsha ( A20) ka e le dikhuti ebile e sa teratelelwa mme e le yone e gantsi e tshabelelwang ke dikotsi tsa tsela, ka diruiwa di nna di gobea fela mo go yone bosigo le motsheare.
Fa a mo kgwa dikgaba mogolwane wa lephata la ditsela mo Tsabong Rre Topoyame Makgatshwane one a tlhalosa fa tsela eo e le mo seemong se se sa siamang ka e le kgologolo mme maikaelelo a bone e le go e ntšhwafatsa, jaanong sebe sa phiri ke letlhoko la madi.
Rre Makgatshwane o ne a supa fa maiteko a ba a dirang mo tseleng eo e le go thiba dikhuti tseo kgapetsa-kgapetsa, go shahatsa ditsela tse di makgwarapana (gravel) le gone go kgaola ditlhare mo tseleng. Mogolwane o ne a supa fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone e le tsa go utswiwa ga diterata mo ditseleng fa ba di ageletse; a ba a kopa mongwe le mongwe go nna matlho a puso ka go loma mapodisi tsebe mo ditiragalong tseo. One a tlatsa ka go kopa bakgweetsi go ela tlhoko matshwao a tsela a selekanyo sa lobelo mo ditseleng tseo go itsa go baka dikotsi.
Maphata mangwe a a neng a tsaya karolo mo dithuto puisanong tseo e ne le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng, ka go tlhalosa ka boitekanelo jwa dikoloi; ba CTO ba baneng ba rotloetsa maphata a puso ka go isa bakgweetsi kwa dithutong tsa boitsanape jwa go kgweetsa (defensive driving) le ba lephata la ditsela ba khansele, go tlhalosa ka ditsela tse di mo metseng tse ba itebagantseng le tsone le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mabapi le ditlhabololo mo go tsone.
Bakgweetsi ba ne ba leboga thata ba komiti ya ipabalelo tseleng ka dithuto tseo, ba supa fa di tla tsisa pharologanyo thata mo tirong ya bone ya go kgweetsa le gore ba tla fitisetsa molaetsa oo mo go ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Dithuto seka dipuisanyo
Date : 20 Oct 2013






