Ga ba itumedisiwe ke kompone ya metsi
20 Oct 2013
Banni ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba supile fa ba sa itumelele kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba Rre Liakat Kablay.
Mongwe wa banni ba motse oo Rre Ongaletswe Bojosi, o kgadile a sa kgwe mathe kompone eo a re fa e sale e tsaya ditirelo tsa metsi mo khanseleng le Water Affairs ga ba bone metsi sentle. Mo mafokong a gagwe a kamogelo, kgosi ya motse oo Rre Edwin Ramokobetwane o supile fa a sa kgotsofalele tsamaiso e e dirwang ke ba kompone ya metsi ka a re e diegela go baakanya dipompo tse di dutlang mo go felelang go dira matangwana a a okang leruo mme go felele go leswefatsa tikologo.
Kgosi o tsweletse a supa fa a sa itumelele tirisano mmogo ya bone e le bogogi jwa motse le khansele potlana ya Letlhakeng fa go tla mo ditlhabololong tse dingwe tse di dirwang ke khansele ka ga sa dirwe tekodiso le bone sentle.
Fa a buisa banni ba Khudumelapye, Rre Kablay o supile fa puso e tlaa tseela bana ba ba ingaolang le ba ba senyang dikago tsa sekolo dikgato tse di gagametseng mme a gakolola batsadi ba bana go tshwaraganela thuto ya bana le puso le barutabana. O tsweletse a supa fa puso e tshwenngwa ke batsadi ba ba rekisetsang bana ba dikolo ditagi di tshwana le motokwane.
Rre Kablay o ne a tlhalosetsa banni gore motse wa bone o ne wa amiwa ke phetogo ya melelwane ya botlhophi ka jaana e tlaa re mo ditlhophong tse di tlang a bo a sa tlhole a le mo kgaolong ya Letlhakeng Botlhaba mme o tlaa wela kwa go ya Letlhakeng Bophirima e e tla bong jaanong e bidiwa Takatokwane.
O ne a gakolola banni ba motse oo gore le mororo ba sa itumelele tshwetso e e dirilweng ya kgaoganyo melelwane, ba ikwadisetse ditlhopho ba tlhophe baemedi ba ba tla ba emelang kwa khanseleng le kwa palamenteng ngwaga o o tlang. Fa a mo kgwa dikgaba mongwe wa banni Rre Ferney Ramaeba o ne a kopa gore puso e tsibogele go direla batho bo omang mo motseng wa bone, ka bontsi bo sena bo omang ebile ba tlolwa ke mananeo a puso ka lebaka le. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Oct 2013






