Banni ba akola Ipelegeng
20 Oct 2013
Banni ba kgotlana ya ga Kebuang mo Kanye bokone ba boleletse mopalamente wa bone Rre Kentse Rammidi bosheng fa ba kgonne go tsweledisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone ba dirisa lenaneo la Ipelegeng.
Ba boletse se mo phuthegong ya kgotla e Mopalamente a neng a e biditse mo kgotlaneng ya bone ka Labone. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa ga-Kebuang/Seno mme Kopano Pasela o boletse fa ba kgonne go dira ditiro di le mmalwa ka lenaneo la Ipelegeng di akaretsa kago ya loobo lwa kgotla, go epa matamo le go a agelela kwa Phokojeng, Mmasenyetse le goora-Seno.
Mme Pasela le fa go ntse jalo, o ngongoregile ka seemo sa ditsela mo ga-Kebuang a re ke matlhotlha pelo fela mme a kopa Mopalamente wa bone gore a eme ka dinao go lwantsha dilelo tsa bone pele ga ditlhopho. O ne a kopa mopalamente gape go latedisa se eleng boammaaruri ka dikgang tse ba di utlwalelang tsa gore batho kwa goora-Seno ba gana go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba ka ba re ga ba tlhaloganye seemo sa motsana wa bone mabapi le kgang ya bo maipaafela gore a ba tlaa bewa semmuso kgotsa go thubelwa.
E rile Rre Rammidi a tsibogela tekodiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, a tswa pounama ka go supa fa a utlwa selelo sa bone se se ngomolang pelo mabapi le ditsela; a re bothata ke gore madi ga a yo ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo mme a ba bolelela gore ga a na go swa lentswe go bua ka tsone.
A re o ka tswa a sa ba lekole mo go ba kgotsofatsang mme e se go rata ga gagwe e le go tshwarwa ke ditiro tse dingwe tsa puso, bogolo jang komiti ya Palamente ya madi e a leng leloko la yone. O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a bitse phuthego ya kgotla kwa goora-Seno mme o tlaa kopa banni bao go ikwadisetsa ditlhopho ba ntse ba letile karabo, e sere gongwe ba fitlhela ba ithontshitse go itlhophela baemedi.
Banni ba ga-Kebuang le bone fela jalo Rre Rammidi o ba kgothaditse go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi gore e re ngwaga o o tlang ba kgone go itlhophela baemedi ba ba ba ratang. O ne gape a kopa banni bao go rapelela pula gore lefatshe le nne le metsi ka e le one botshelo.
Fa a tsibogela kgang ya matamo a a epilweng ebile a ageletswe ka lenaneo la Ipelegeng, o ne a lebogela banni seo mme a ba kopa go sekaseka gaufi le one gore a ga go kake ga dirwa masimo teng; a re o ka ipha matsapa go kopana le ba kabo ditsha le ba ofisi ya banana go thusa bana bao ba ipopile setlhopha gore ba leme merogo go itshetsa.
Rammidi gape o ba lekodisitse fa Palamente e fitisitse molao o o dirisanyang le ditsheko, a re ka molao o, puso e tlaabo e thusa ba ba sa kgoneng go ithekela diagente mo dikgannyeng tsa bone tse di amanang le borukutlhi, a tlhalosa fa lenaneo le le tlaa bo le tsamaisiwa ke ba makgotlana a ditshwanelo a tshwana le BONELA le Ditshwanelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Oct 2013






