Seemeleng peo letlhokwa - Siele
17 Oct 2013
Tona wa dikgaolo le tlhabololo ya metse ya magae Rre Peter Siele o kgadile mogopolo wa Batswana bangwe ba bareng ba tla ikwadisetsa ditlhopho fela morago ga gore peo lotlhokwa ya diphathi e fete pele.
Tona Siele yo o ebileng ele mopalamente wa Ngwaketse Borwa o buile jalo fa a ne a buisa phuthego tsa kgotla kwa Metlobo, Segwagwa, Ramonnedi le Tsoaneng beke eno.
O boletse fa ikwadiso e le boutsana mme magatwe ele gore batho bare ga ba ise ba itsi gore ba ya go emelwa ke bomang. RreSiele o boletse fa ba ithontsha ditshwanelo tsa bone tsa go tlhopha baemedi le puso e ba e batlang basa kgoreletswe ke sepe jaaka go diragala kwa mafatsheng a mangwe. O boletse fa Botswana e santse e le mo tlhokgamong e e siameng.
O bakopile gore ba seka ba nna ba kgobiwa marapo ke sepolotiki se sengwe se se faposang batho se batla go senya ledulo le lentle. O boletse fa ditlhabololo didirwa go lebilwe dipalo tsa batho bogolo jang baba ikwadiseditseng ditlhopho.
O ba kopile go shafatsa bo o-mang ba bone ka bonako gore batle ba ikwadise sentle, a re o-mang ke konokono e ka one o kgonang go thusiwa mo mananeong a puso. A re go tlhopha ke puso ya batho ka batho, ba rome mmueledi wa ditlhabololo.
Mo go tsedingwe tona o ba tlhaloseditse ka tlhaelo ya madi gore ditlhabololo dingwe di eme, a bo a bua ka melao ee tshwanetseng go dirwa ee fang dikgosi dithata tsa go sekisa kafa molaong majo a leruo mo masimong. O boletse fa gontse go sena molao oo kwadilweng go dirisiwa ke dikgosi.
Baagi ba metse eo yotlhe e dumalane le go dirwa ga molao oo ebileba bua gore o dirwa ka bona ko ka gore barui ba latlheletse leruo la bone le senya masimo a bone. Ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi, bomaswe ja tsela ya Mmathethe/ Tsoaneng, go senyetswa ke diphologolo tsa naga.
Ba Tsoaneng ba boletse fa bo ntlhopeng baba ba diphathi tsedi farologaneng baba tshwenya ka go ba kopa thopho ka go ba fa dijo le madi gore baba tlhopha, ba boletse fa jaanong ba tsietsega ka gore batho ba teng ba ba tsentse legonyana.
Ba boletse fa ba palelwa ke go ikwadisetsa ditlhopho ka gore ga ba isti gore ba tlhophe o fe mo bathing baba fang dijo ba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Oct 2013






