Ba dumalana le molao kakanyo
17 Oct 2013
Banni ba metse ya Gasegwagwa, Ramonnedi le Metlobo mo kgaolong ya Ngwaketse Borwa ba satswa go dumalana ka bongwefela ja pelo gore gonne le molao o ka one leruo lele jelang balemi dijalo mo masimong ba atlholwe fela ka tlhamalalo ka molao oo kwadilweng.
Ba ntshitse megopolo eo mo diphuthegong tsa kgotla tsedi neng di buisiwa ke tona ya dikgaolo le tlhabololo ya metse ya magae ebile ele mopalamente wa kgaolo ya Ngwaketse Borwa Rre Peter Silele.
Tona Siele o tlhalositsefa go ntse go sena molao oo kwadilweng mo molaong motheo o otla amang dikgosi go o sala morago go atlhola mong wa leruo lele sentseng mo masimo. O boletse fa gone go itirelelwa fela molemi a kgona go gapa leruo la motho fa le sentse.
Rre Siele o boletse fa seo gompieno go paledisa dikgosi go atlhola beng ba leruo lele senyang mo masimo ka go sena molao o ba o salang morago. O ba kopile go ntsha megopolo ya bone gore banne le seabe mo molaong oo.
Le fa gontse jalo banni ba boletse fa ba dumalana le mogopolo ka bongwefela ja pelo gore go nne le molao wa mohuta oo, ka gore beng ba leruo gaba tlhokomele leruo la bone lemororo puso e dirile maiteko a go aba diterata mahala gore go agelelwe masimo.
Ba boletse fa gona le terata ya kgaoganyo masimo le mahudiso mme barui bangwe ba lesa leruo la bone le tsena mo masimo fa bangwe ba bula diheke fela.
Ba boletse fa baba latlhelelang masimo a bone ba tshwanetse go tseelwa dikgato le bone Morago ga gore ba fiwe dipeo mahala le go lemelwa mahala babo basa tlhokomele masimo a bone le leruo la bone.
Banni ba ngongoregile ka bogodu ja leruo mo dikgaolong tsa bone ba bolela fa bo golela ko godimo tsatsi le letsatsi mme ditsheko tsa teng dile matswakabele ka gore babelaelwa ba dirisa babueledi(diagente) mo ditshekong mo go ba beileng kafa mosing.
Ba boletse fa dikgosi di tshwanetse gonna tsone tsedi sekisang bogodu ja leruo kaba itsi thata ka mebala ya dikgomo le metsamao ya tsone kaba ba di itsi fela thata.
Banni ba ngongoregile thata ka tlhaelo ya metsi a go nwa le a leruo tota, ba boletse fa leuba leba apesitse kobo ka letshoba. Ba buile thata ka bomaswe ja ditsela tsa bone,mme ba lebogetse lenaneo la ipelegeng le la LIMID, ISPAAD lele thusang banana go rua gammogo lela nyeletse lehuma la nta ya tlhogo.
Le fa gontse jalo tona Siele o rotloeditse Batswana go lesa go direlwa ese nama, o boletse fa puso e thusa katse tsotlhe gore batswe mo lehumeng mme bangwe ba gana go itsosa jaaka mokodue go tsoswa oo itekang.
RreSiele o boletse fa kwelotlase ya itsholelo e amile lefatshe leno thata mo ditlhabololo dingwe tsedi mo lenaneong di santseng di emisitswe gore go bonwe madi pele. O boletse fa puso gape e dirisa madi a ma ntsi go reka dipilisi tsa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 17 Oct 2013






