Seriti sa kgotla le ngwao di botlhokwa
17 Oct 2013
Mothusa Kgosi ya motse wa Gabane, Kgosi Sello Pule a re go botlhokwa go tshegetsa ngwao gammogo le go tlotla seriti sa kgotla le bogosi.
O buile jalo mo puisanong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa kgotla e tlholega e na le seriti ke ka moo Batswana ba tshelang mo pusong ya batho ka batho.
A re kgosi thotobolo e olela matlakala ka jalo kgosi a kopanya morafe ebile a rwele maikarabelo a gore morafe o sala ngwao morago. O boletse fa a itumelela seabe sa morafe wa Gabane ka ba sa itlhokomolosa ngwao ebile ba tlotla boleng jwa kgotla le bogosi.
A re lemororo motse o le ka fa tlase ga kgatelelo ya go nna gaufi le toropo, seo ga se a fetola morafe go tlotla ngwao le bogosi. Go ya ka mothusa kgosi Pule,meletlo ya ngwao e tshwana dikgafela,letsema le mokgalo ke mengwe ya tse di salwang morago mo motseng.
O ne gape a tlatsa ka gore go na le paka e setlhare sa mokgalo se rengwang ka yone le e se sa rengweng ka yone seo ele ngwao ya Selete e morafe o tshwanetseng go e sala morago.
O tsweletse a bolela gore go mo maruding a batho gore ba itse kapari e tshwanetseng go ya kwa kgotleng le kwa phitlhong. A re ka ngwao phitlho e a tlotlwa go nna le tshisibalo kwa mabitleng, o gateletse gore bomme ga ba letlelelwe go tsena mo kgotleng le kwa mabitleng ba apere borokgwe.
O boletse fa mo motseng wa Gabane ba beile nako ya go tsena kwa mabitleng mme a re tseo tsotlhe ke tsamaiso ya bogosi le go sala ngwao morago.
O supile fa mowa o montle wa tirisano mmogo fag are ga bogosi le morafe o na le maduo a mantle ka motse o laolesega sentle go sena botlhokatsebe jo bo kalo.
A re maiteko a morafe go sala ngwao morago le go tlotla bogosi a supiwa ke go tsena kwa mabitleng ka nako,go tsisa dikgafela,go letela thebolo letsema,le go tsenelela diphuthego tsa kgotla.
Kgosi Pule o gateletse gore seriti sa bogosi ga se a tshwanelwa go tlhokomologwa ka jalo morafe o tshwanetse go sala ngwao morago. A re lefoko la kgosi le agelwa mosako ebile Batswana ba itse gore seriti sa Motswana ke ngwao mme bogosi jone ke pinagare ya morafe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 17 Oct 2013






