Kgosi Meno o tlhokafetse
17 Oct 2013
Kgosi Labane Dipheng Meno wa kgotlana ya Rra Meno kwa Maun o tlhokafetse.
E rile a buisa phuthego ya kgotla mo kgotleng kgolo ya Batawana, motshwarelela bogosi jwa Batawana Kgosi Kealetile Moremi o boletse fa Kgosi Meno a tlhokafetse fela a sa lwala mo go kalo mme a ne a supa fa a na le bothatanyana mo mpeng.
Kgosi Kealetile a re moswi o ne a emelela go ya Gaborone kgwedi eno e tlhola gabedi kwa a neng a bona thuso ya bongaka teng kgwedi eno e tlhola malatsi a roba bongwe mo sepateleng se se ikemetseng ka nosi sa Bokamoso mo mosong, mme morago ba bongaka ba bolela fa a na le bothata jwa pelo.
E rile ka nako ya fa ba bongaka ba dira ditlhatlhobo, Kgosi Meno o ne a kaya fa a sa ikutlwe sentle, mme e rile ka tshokologo pele a ka tswa mo sepatela jaaka go ne go kailwe ke ba bongaka, o ne a tlelwa ke go ema ga pelo mme a tlhokafala ka sone sebaka seo.
Kgosi Meno o tshotswe ka ngwaga wa 1927, kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome mabedi le bone, mme a tlhomiwa go nna Kgosi ya motse wa Seronga ka ngwaga wa 1965 go fitlhela ka ngwaga wa 1969.
E ne ya re ka ngwaga wa 1970 ke fa a nna Kgosi ya kgotlana ya Rra Meno mo Maun, e a tlhokafaleng a ntse a eteletse pele. Kgosi Meno, o tla bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Oct 2013






