Breaking News

Bonatla ke konokono mo tirong

17 Oct 2013

Tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama o boleletse badirelapuso kwa phuthegong e a neng a e buisa kwa motseng wa Tati Siding bosheng  fa go dira ka natla go tshwanetse ga nna gone konokono mo dikgannyeng tsa tlhatloso maemo mo tirong.

Lt. Gen Khama o ne a supa fa a kopile gore tlhatloso maemo le go isiwa kwa dikoleng go ikoketsa dithuto go dirwe go lebilwe botlhaga le go dira ka natla ga babereki gona le go lejwa ga lebaka la modiri la pereko jaaka go ntse go tlwaelesegile.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore le ntswa go nna nako e telele mo maemong a le mangwe go sa jese badiri monate, go na le mabaka a le mantsi a kgonang go kgoreletsa puso go tsholetsa badiri maemo ka nako e e tshwanetseng. Mangwe a mabaka ao o supilefa e le boseyong jwa diphatlha tse babereki ba ka tsholelediwang maemo kwa go tsone.

Fa a ema badirelapuso ba ba neng ba tsene phuthego eo ka lefoko, mookamedi wa lephata la khiro ya badirelapuso Rre Carter Morupisio ne a supa fa sekale se se kwa tlase sa dituelo tsa badirelapuso (A Scale) e se sone modi wa dingongorego tsa gore ga se sa tlhole se tsamaelana le botshelo jwa gompieno.

O ne a tlhalosa fa modi wa kgang e le tlhatlogo ya ditlhwatlhwa ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe, selo se a supileng fa se koafaditse boleng jwa madi.

Ka jalo o ne a supa fa go nyeletsa sekale seo ka bogone go ka seke ga rarabolola mathata, mme ebile a supa fa go le thata go ka okeletsa babereki dituelo fa manokonoko a kwelotlase ya itsholelo a ise a apoge.

Fa a ama ntlha e nngwe Rre Morupisi o ne a supa fa go lemotshegile fa badirelapuso ba santse ba dira tiro ya bone ka go goga dinao, a tlhalosa fa se se supagetse se kgoreletsa go dira kgwebo le go bapadisanya mo lefatsheng leno.

O ne a kgala mokgwa o, a rotloetsa badirelapuso go dira ka natla go ntsha ditirelo ntle le tiego le gone ba dira jalo ka manontlhotlho. O ne a akgola badirelapuso ba kgaolo ya bokone botlhaba go tshwara tiro ya bone ka botswerere, a bagwetlha go ikitaya sehuba go dira go gaisa ka fa badirang ka teng mo nakong eno.

Le fa gontse jalo, RreMorupisi o ne a tlhagisa badirela puso kgatlhanong le go tsenelela mo go tsa polotiki. O ne a supa fa puso e sa eletse go bona bodirelapuso bo tlhakatlhakane mo setshaba se fiwangd ithuso le ditirelo go lebilwe gore ke ba diphathi dife tsa sepolotiki.

E ne e rile ba itekodisa tautona le lekoko la gagwe, badirelapuso ba lela ka tlhaelo ya diofisi le matlo a bonno ga mmogo le tlhaelo ya didirisiwa tsa botlhokwa di akaretsa dipagamo.

Ba ne gape ba lela ka tlhaelo ya bodiredi, selo se ba supileng fa se ketefatsa tiro e bile se dira gore setshaba se seka sa bona ditirelo sentle. Fa a bua mo boemong jwa babereki ba lephata la thuto le tlhabololo-dikitso mo kgaolong Rre Motswaiso Motswaiso o ne a lela ka tlhaelo ya dipagamo mo dikoleng dingwe.

Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela paakanyo ya dikole tsa Kgaolo ya Bokone-Botlhaba. Rre Moagi Mmolawa, yo ene a neng a bua mo boemong jwa babereki ba lephata la dipagamo le ditlhaeletsanyo o ne a supa fa sekale sa dituelo tsa badirelapuso se se kwa tlase; tota se siilwe ke dinako mo se sa kgoneng go lepalepana le tse di tlhokwang mo botshelong.

A re sekale se se pateletsa babereki ba ba mo go sone go ikanya baadimisi ba madi ba merokotso e e kwa godimo, selo se se feletsang se dira gore dituelo tsa bone tsotlhe di felele mo dikolotong. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : TATI SIDING

Event : Phuthego

Date : 17 Oct 2013