Breaking News

Go sa tsena diphuthego ga batsadi ga go itumedise

17 Oct 2013

Mogokgo wa sekole se segolwane sa motse wa Lerala Rre Frank Mahulela a re ga a itumedisiwe ke go tlhoka go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana ga batsadi bangwe.

Fa a bua kwa letsatsing la kabo-dimpho ya sekole sa Lerala Junior Secondary School mo Lerala bosheng, Rre Mahulela o boletse fa go tlhoka go tsenelela diphuthego tse e le sesupo sa gore batsadi bangwe ga ba na seabe mo dithutong tsa bana ba bone.

O supile fa a ne a swaba nko go feta molomo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe mo bosheng ka go ne ga tla batsadi ba le 55 mme palo ya bana ba sekole seo e le 583.

Rre Mahulela a re matshwenyego a mangwe a barutabana ba tshwaraganeng le one ke a batsadi ba ba sa tseeng dipego tsa maduo a bana. O boletse fa go santse go na le dipego tse di sa tsewang tsa maduo a bana di le 68 tsa setlha sa bobedi sa ngwaga wa sekolo mme ebile a supa fa seemo seo se tshwenya.

O ne a ikuela mo batsading go kgatlhegela thuto ya bana ba bone le go etela sekole kgapetsakgapetsa go utlwa gore bana ba dira jang kwa sekoleng.
Mo go tse dingwe, Rre Mahulela o boletse fa maduo a sekole seo a supa fa a sa itumedise.

Ka ngwaga wa 2010 maduo a ditlhatlhobo tsa sekole seo e ne ya nna 76% fa ka 2011 maduo a ne a wela tlase ya nna 63.7%. Mo ngwageng  o fetileng maduo a sekole a ne a ya kwa go 66.5%.

Rre Mahulela a re maduo a sekole seo a kwa tlase fela thata le seelo se se beilweng ke kgaolo sa 87% mme go a tsholetsa go tlhokana le tshwaragano ya bana le seabe botlhe mo thutong.

Le fa gontse jalo, Rre Mahulela a re o na le tshepo e e tletseng ya gore sekole sa gagwe se tla dira sentle mo maduong a ngwaga ono. A re seo se itshupa ka go dira sentle ga baithuti mo ngwageng ono fa ba gaisanya le ba dikole tse dingwe mo go tsa thuto le tsa metshameko.

O boletse fa mo go tsa thuto moithuti wa sekole sa gagwe ebong Lebogang Kabelo yo o dirang lekwalo la boraro a ne a tsaya maemo a ntlha mo kgaisanyong ya kgaolo ya legare ya go kwala polelo. A re baithuti ba le bane bone ba ne ba tsaya karolo mo ditshupong tsa dithuto tsa papadi (commerce & accounting) mme ba tsaya maemo a ntlha.

A re moithuti yo mongwe ene o ne a tsaya karolo mo go tsa thuo ya dikoko mme a tsaya maemo a boraro. Fa a bua ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le bodiredi jwa sekole, Rre Mahulela, a re go na le letlhoko la koloi ya sekole le le le kwa godimo le boroko jwa barutabana.

Mogolwane go tswa kwa Botswana Telecommunications Corporations kwa Selibe-Phikwe Rre Mogakabe Mogakabe a re batsadi ba na le tshwanelo ya go rutuntsha ngwana ka tsa thuto le go mmontsha bomosola jwa yone.  

O boletse fa go le botlhokwa gape gore batsadi ba dirisanye mo thutong ya ngwana go betla bokamoso jwa bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Letsatsi la kao dimpho

Date : 17 Oct 2013