Tlotlang ngwao - Masisi
16 Oct 2013
Kgotla ke nngwe ya mafelo a a santseng a supa fa ngwao e itsetsepetse. Bomme ba ya kgotleng ba rwele ditukwi, ba okegile magetla ebile ba sa letlelelwe go apara marokgwe. Go solofelwa gore borre bone ba apare dibaki fa ba ya kgotleng.
Baeteledipele ba santse ba rotloetsa setshaba go itse ka ditso le tlholego ya bone e sere mo nakong e tlang ba bo sa itlhaloganye. Le fa go ntse jalo, tona wa Merero ya Ofisi ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, o kgothaditse morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana go tlotla le go lemoga ngwao ya bone.
Rre Masisi a re ba tshwanetse go dira seo ka go tlotla bogosi, kgotla le go tsena ditiro tsotlhe tsa morafe ka mokatakata. O buile jalo bosheng kwa moletlong wa go ipelela ngwao le dikgafela o o neng o tsenwe ke mapalamente, dikgosi, makhanselara le dikgosana go tswa Moshupa le Thamaga.
Tona Masisi, yo gape e leng mopalamente wa Moshupa, o tsweletse ka go tlhalosa fa ngwao e somarelwa ka go kwalwa. “Ke kopa gore le etse mafatshe a humileng. Fa le bona ba na le matlo kgotsa mafelo a polokelo ngwao a tlhabologileng, ke gore ba kwala le go dira ditshwantsho tsa motshkinyego ka sengwe le sengwe se amanang le ngwao ya bone, mme ba se bapatse go dira madi le go fetisetsa kitso kwa dikokomaneng tsa bone,” Mopalamente Masisi a gakolola.
Fa akgela, mogolwane wa ofisi ya metshameko le ngwao mo Thamaga, Rre Orometswe Maotwanyane, o ne a tlhalosa fa lephata la bone le lemogile fa kitso ya ngwao le ditso e tlhaela. Ka jalo, a re o gwetlha dikgosi le magosana go ikitaya ka thupana go kwala dibuka tsa ngwao.
“Kgosi Keineetse Sebele, nako e tlang ke solofela gore o tlaabo o sa bolele ka ditso tse o di badileng mme ele tse o di kwadileng; fa re sa ikele tlhoko re ka se tsoge re itse gore lesika la rona le atile jang,” Rre Maotwanyane a gakolola.
O ne a gakolola bogogi jwa motse go fa tetla ba ditshwantsho tsa motshikinyego le bakapa ditshwantsho go ba kgobokanyetsa ditiragalo tsa ngwao ba simolola ka yone meletlo ya go ipelela ngwao; go itsa gore mo nakong e tlang ba bo ba di reka mo go bone ka tlhwatlhwa e kgolo.
Rre Maotwanyane o ne a bolela fa lephata la metshameko le ngwao le ikaelala go tswelela le rotloetsa meletlo ya ngwao ka go ntsha madi le go fa thuso epe e ka tlhokafalang fa go na le thulaganyo e e tlhamaletseng.
Mo nngweng ya ditshupo tsa ngwao, go ne ga supiwa ntlo ya Setswana e go boletsweng fa e agilwe ke bahumagadi ba dikgosana tsa Thamaga. Mohumagadi wa kgosana ya Kgosing, Mokgobo Moshagana o tlhalositse fa ntlo eo e bopetsweng ka mmu, ebo e kgaphiwa ka boloko.
Mohumagadi Moshagana a re karolo ya dikgosana e ne ele go ba remela ditlhomeso le go rulela ka bojang jwa motshikiri. ,Mo ntlong eo go ne go bopetswe kobotlo ebile go na le mhogole le setallasi se se neng se pegile ngata ya lengangale le kgetsi ya mmidi; se ele go supa ka fa goneng go tshelwa ka teng bogologolo.
“Re thaile ntlo e ka go kokotela legong fa gare mme re bo re funelela mogala mo go lone go re ntlo e nne le popego. Mebu e re e dirisitseng go batega ka yone re e epile kwa lentsweng la Sisitajwe,” Mma Moshagana a tlhalosa.
Ere dikgang di eme jalo, kgosi ya Bakgatla ba ga Mmanaana, Gobuamang Gobuamang o ne a ntsha kitsiso ya gore etlaare ngwaga o tlang go sena go bolotswa letsema manyalo a tlaa emisiwa.
“Ka letsatsi la botsalo jwa Morena, ngwaga o mosha, le paseka tota ga gona go letlelelwa manyalo. Kgang e re santse re tla e buisana le balaodi le bogogi jwa motse,” Kgosi Gobuamang a konela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : THAMAGA
Event : Ipelelo ngwao
Date : 16 Oct 2013






