Breaking News

Lenaneo le a thusa

16 Oct 2013

Mokhanselara wa pele wa Sebina, Rre Mooketsi Mafunye o kgotlhaditse banana go itebaganya le lenaneo la Young Farmers Fund go iketsha kwa morago.

O boletse gore ke nako ya gore banana ba itebaganye le lenaneo leo ka gore lefatshe la Botswana le lebaganywe ke dikgwetlho tse di farolaganyeng tse di akaretsang letlhoko la ditiro le khumanego.

A re go lemogilwe fa banana ele bone ba ba amegileng thata, e bile go lemosegile fa temo thuo e santse e na le bokgoni jwa go tlisa tharabololo ya mathata a le letlhoko la ditiro, se golo bogolo fa temo thuo e ka tsewa e le kgwebo.

Rre Mafunye o ne a tlhalosa fa gompieno palo e ntsi ya balemi barui e dirwa ke bagolo,ntswa go nale banana ba ba nang  le boitsaanape le dithutego tsa temo thuo ba  santse ba sena ditiro.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa banana ba ba ikemiseditseng go dirisa lenaneo la young farmers fund ba tla bona monyetla wa go bona madi a go bula dikgwebo le go ithutela go nna bagwebi ba ba tlaa nnang le dikgwebo tsa temo thuo tse di kgonang go ikemela ka nosi.

Rre Mafunye o ne a tlhalosa fa lenaneo la young farmers fund le itebagantse le go thusa le go tlhabolola dikgwebo tsa banana tsa temo thuo tse di nang le bokamoso,ebile dikgona go ikemela ka nosi ka go di adima madi,le go fa bagwebi botsipa ja go nna bagwebi b aba nang le boleng,jwa  go tsamaisa dikgwebo tsa bone sentle.

One a tlhalosa fa banana ba tshwanetse go itebaganya le lenaneo la young farmers fund  ka le le  merokotso ee kwa tlase,le gore madi a adimilweng a ka dirisiwa go thusa dikgwebo go reka di dirisiwa kgotsa go bona madi a go tsamaisa dikgwebo tsa bone.

Rre Mafunye one a kopa banana go inaakanya kgotsa go itebaganya le lenaneo la young farmers fund are le ka banamola mo lehumeng le gore banne baikopedi ba ba amogelang go gakololwa gore banne bagwebi ba banang b aba tlhwatlhwa.

 O kopile banana ba adimilweng madi go a duela ka fa tsamaisong gore ba bangwe batle ba kgone go adima go tsweledisa matshelo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kepaletswe Mudongo

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 16 Oct 2013