Go tlhoka Omang go kgoreletsa ikwadiso
16 Oct 2013
Lefa ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e tsweletse sentle mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Shoshong le Mahalapye bophirima, go bolelwa fa go tlhoka go tsaya dikarata tsa Omang ga batho go ba kgoreletsa go ikwadisetsa ditlhopho ka bontsi.
Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho kwa Mahalapye, Rre Peter Mahlakata, a re fa e sale ikwadisetso ditlhopho e simolola kgwedi eno e tlhola malatsi ale mane kwa kgaolong ya botlhophi ya Shoshong go setse go iwadisitse batho bale 3 520 fa mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye bophirima, go ikwadisitse batho bale 4 451.
Rre Mahlakata o boletse mo potsolotsong gore lefa ikwadiso e tsweletse sentle mo dikgaolong tseo ka bobedi, se be sa phiri ke go kgoreletswa ke go tlhoka Omang ga batho ka jaana ba itsapa go latela dikarata tsa bone kwa Mahalapye fa bangwe ba bo ne dikarata tsa bone di sa tlhole dile mo tirisong.
Rre Mahlakata o tsweletse ka go tlhalosetsa ba motswedi wa dikgang go batho bangwe ba bare ga ba kake ba ikwadisetsa ditlhopho pele ga baitse maina a bontlhopheng ba ba tla ba emelang mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.
A re ere ntswa ele ba ofisi ya ditlhopho mo Mahalapye ba dirile bojotlhe go anamisa melaetsa ya ikwadisetso ditlhopho mo Seromamoeng,dikoranta, go buisa diphuthego tsa kgotla le go mataretsa mekwalo ya dikitsiso mo makotswaneng a di ofising tsa makgotla a Setswana,o swabisiwa ke go bona batho ba le maoto a tshupe go ikwadisa ntswa ikwadiso e tswalelwa kgwedi eno ele masome a mabedi le bosupa.
A re ikwadisetso ditlhopho go tsweng ka Mosupologo go tsena ka labotlhano e simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go tsena ka nako ya borataro mo tshokologong fa ka Matlhatso le Sontaga go ikwadisiwa ka nako ya boferabobedi mo mosong go tsena ka nako ya bone maitseboa.
E rile mogolwane wa lephata la Omang,matsalo le dintsho Mme Boremo Galathwe a tswa la gagwe a bolela fa batho bangwe ba itsapela go tsaya dikarata tsa Omang ka jaana ba itse fa ba tla dirisa diresiti fa ba tlhoka dithuso tsa madi kwa dibankeng kana ba tsaya madi a bagodi mo diposong.
Mme Galathwe o rile lefa ba tlhaelelwa ke bodiredi le dipalamo, gone ba badira ka bojotlhe go tsamaya le metse ele masome a mabedi le botlhano le metsana ele masome a mane le bobedi e welang mo kgaolong ya bone go thusa batho go tsaya dikarata tsa bone tsa Omang,go shafatsa dikarata tse dikgologolo,go direla bana dikarata tsa matsalo, go kwadisa dintsho le go fetola difane.
A re Batswana ba ba ka fithelwang ba sena dikarata tsa Omang,mme bana le dingwaga dile lesome le borataro goya kwa go dimo ba tla tseelwa dikgatlo ka go lelefisiwa P500 kana dikgwedi tse di sa fetleng borataro mo kgolegelong kana dikatholo tseo di tsamaya mmogo.
Mme Galathwe o rile ere ka ba lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho ba ba thusitse ka koloi,maikaelelo ke go anama le kgaolo go neela batho dikarata tsa bone pele ga malatsi a ikwadisetso ditlhopho aya bokhutlong.
A re o setse a kopane le makhanselara go abelana megopolo ka ditsela tse di ka dirisiwang go rotloetsa batho go tsaya dikarata tsa Omang le go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang tsa 2014. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 16 Oct 2013






