Breaking News

Ba kopilwe go tsaya letlalo tsia

16 Oct 2013

Mantswitswidi  mo go sugeng matlalo le go a sega go dira dilwana, Rre Mohibidu Nkwane wa Sorilatholo mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o kopile baithuti ba ba neng ba tsene dithuto tsa go dirisa letlalo kwa Salajwe go di tsaya tsia.

Baithuti ba le masome mabedi  ba ne ba isiwa dithutong tsa go dira ka letlalo kwa Salajwe lebaka la kgwedi. Rre Nkwane  yo e neng e le mongwe wa baeng ba tlotla ba bakgotlhatsi kwa moletlong wa go fetola letlalo, o kopile baithuti ba ba neng ba isitswe dithutong ke ba lephata la boipelego sebaka sa kgwedi  kwa Salajwe go tsaya tiriso ya letlalo tsia.

O boletse fa ene  a sa ya dithutong go sena kwa a ithutetseng go suga kana go fetola letlalo mme a rotloetsa thata gore dialogane tseo di dirise kitso e ba e neetsweng lebaka le ba le ntseng ka nako ya dithuto.

Rre Nkwane o boile a kgotlhatsa dialogane go itsalanya le bareki ka e le yone tsela ya go ipapatsa,a boa gape a ba kgotlhatsa go itlwaetsa go itshugela matlalo a bone ka fa ba reka go ka ba turela. A tswelela a gwetla dialogane go ikopanya le ba boipelego fa ba tlhoka thuso.

Fa a tswelela ka go baa ma ka lefoko la kgotlatso, Rre  Nkwane gape are fa o dira tiro ya letlalo o tshwanetse go nna o thabile ka nako tsotlhe ka go go thusa go dira tiro ya gago ka manontlhotlho.

Nkwane o buile le dialogane gore ba seka ba tshaba go mo kopa thuso ka ene a setse a alogile e bile a na le kitso ka tsa thekiso ya ditiro tsa diatla tsa letlalo. O kopile gape baithuti bao go ikanya simolola go ithuta go suga letlalo ga Setswana mo go dirwang ka setlhatshana sa mositsana mme maduo a teng a tshwane fela le a fa o sugile ka machine. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanele

Location : SALAJWE

Event : Dithuto puisanyo

Date : 16 Oct 2013