Letlhoko la madi le kgoreletsa ditlhabololo
16 Oct 2013
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o tlhaloseditse banni ba motse wa Mosu gore maikaelelo a puso a go dira ditlhabololo a kgorelediwa ke tlhaelo ya madi.
O buile jalo ka Matlhatso a tsibogela kopo ya ga Kgosi Thanyego Pemole wa Mosu ya gore tsela ya Mosu/Thalamabele e mo seemong se se sa jeseng diwelang ka jalo e tlhoka go tshelwa sekonotere.
Kgosi Pemole a re banni bangwe ba motse ba ba nang le dikoloi di setse di onetse ka di babalelwa ke tsela e e sa siamang. Tautona Lt Gen. Khama o ne a etetse motse wa Mosu ka taletso ya meepo ya diteemane ya Debswana ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa go tla go bula semmuso matlo a roba bobedi a ba a agetseng batlhoki mo kgaolong potlana ya Boteti.
A re seemo sa tsela se dira gore le tsone dipalamo tsa setshaba di nne boutsana. Kgosi Pemole a re tsela ya lekgarapana e gape e sa tlhokomelweng sentle e kgoreletsa ditlhabololo mo motseng wa Mosu.
O supile gape gore banni ba motse fa ba tswa Francistown kgotsa Letlhakane ba kgona go lala mo tseleng ba emetse dikoloi tsa beng go ya Mosu, mme se, se tsenye matshelo a bone mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dirukutlhi.
Tautona Khama a re o tlhaloganya sentle seemo sa tsela ya Mosu ka gore o etela lefelo le kgapetsa-kgapetsa a supa gape gore ga se la ntlha Kgosi Pemole a ikuela a kopa gore e tlhabololwe ka go tshelwa sekontiri.
O supile gore letlhoko la madi le kgoreletsa ditiro tsa ditlhabololo ka go farologana tse puso e ikaelelang go di dira. Tautona Khama o gakolotse banni ba motse wa Mosu gore tlhabololo e dirwa go lebeletswe thata tiriso, ka jalo gore tsela e tshelwe sekontiri go lebelelwa le yone palo ya dikoloi mo motseng.
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MOSU
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Oct 2013






