Banni ba kopa gore molao o sekasekwe
16 Oct 2013
Banni ba Kopong mo kgaolong ya Kweneng ba kopile puso go seka seka sesha molao o o tsamaisang komiti e e kgaoganyang melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente le bokhanselara.
Ba re go tsaya ditshwetso kwa bothokong ke komiti e dirang thomo ya go kgaoganya melelwane ya dikgolo tsa botlhophi tsa mapalamente go ba ba ya ka fa mosing ka jaana go ikgatholosa dintlha tsa botlhokwa tse di ba amang.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Maj. Gen. Moeng Pheto fa ba ne ba supa matshwenyego ka tshwetso e e tserweng ke komiti eo ka fa e kgaogantseng ka teng kgaolo ya botlhophi ya Kweneng Botlhaba e yang go bidiwang Lentsweletau/Mmopane.
Batho ba Kopong ba supile fa ba sa itumedisiwa ke go fetolwa ga leina la kgaolo eo bare go nyeleditse seriti sa motse wa bone le mororo motse wa bone o feta Mmopane ka dipalo. Ba re komiti e kabo e tsile gape kwa bathong morago ga ditsheka tsheko gore go akantshanngwe eseng go ba tseela ditshwetso
Ka dikgang tse di amang lefatshe, Rre Moilwa Segajane o kopile gore dikgosi di tsenngwe mo tsamaisong ya lefatshe gonna baemedi ba sechaba go tswelela ba gakoloana le makgotkla a kabo ditsha ka dikgang tsedi amang lefatshe.
Batho ba Kopong ba re go a hakgamatsa gore ere dipalo tsa motse wa bone di le dikete dile lesome le motso (11 000) ba bo ba ikgatholosiwa mo dikgannyeng tse di ka thusa go lere ditlhabololo mo kgaolong ya bone.
Fa a kgela ka matshwenyego a bone, mopalamente a supa fa a dumalana le matshwenyego a bone gore molao wa go tlhoma lekoko lele kgaoganyang dikgaolo tsa botlhophi o seka-sekwe go hema gore morafe o akanye fa mapalamente a nnile le seabe mo ditshwetsong tse di tserweng ke komiti eo.
Mopalamente o rotloeditse morafe go ikwadisetsa ditlhopho o kopile e tsweletseng gore ba seka ba ithontshwanelo ya bone ya go tlhopha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : KOPONG
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 16 Oct 2013






