Ba gakololwa go ema maiteko a puso nokeng
16 Oct 2013
Batsaya karalo mo kgodisong ya ngwana ba gwetlhilwe go ema maiteko a puso nokeng ka jaana e dirile go menaganye go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana di sireletsegile.
Mogolwane wa tsa itsholelo mo khanseleng ya bokone bophirma, Mme Kgomotso Kesianye o boletse seo kwa bokopanong jwa batsaya karolo jo bo neng bo rulagantswe ke komiti ya District Child Protection go tla go neelana botsipa ka botlhokwa jwa tshwaragano mo kgodisong ya ngwana le gone go netefatsa gore ditshwanelo tsa bana ga di gatakiwe ka dinao.
A re puso e segile tema e e bonalang go sireletsa ditshwanelo tsa bana go akaretsa le bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re seo se papamadiwa ke go dirwa ga mealo e e amang bana a tlatsa ka gore mo dingwageng tse di fetileng puso e ne ya bona go tshwanela go seegela fa thoko madi a a ka thusang mo ditirong tse di itebagantseng le go tlhabolola bana bogolo jang ba ba tlhokileng lesego.
Mme Kesianye a re khansele le yone e na le madi a a itebgantseng le go rarabolola letlhoko la bana ba dikhutsana. O supile fa puso ka nosi e ka se kgone go rarabolola letlhoko lengwe le lengwe ka ntlha ya leshekere mme a supa botlhokwa jwa batsaya karolo go supa seabe sa bone mo go rurifatseng gore bana ba tshela botshelo jo bo nang le seriti.
A re go dira mmogo ba le segongwana go ka thusa go dirisa bonnye jo ba nang le jone botoka go bona gore bo solegela bana bao molemo. O tsweletse a re go dira ka setlhopha go ka thusa gape go ntsha ditirelo tsa tlhotlhwa le gone go nonotsha mananeo a a teng a a itebagantseng le go thusa bana.
Mme Felicia Nkarabang yo eleng mmaboipelego le ene o ne a supa botlhokwa jwa go sireletseng bana mo go amiweng ke mogare wa HIV/AIDS le gone go netefatsa gore bana ba ba amegileng ba sala ditaelo tsa ba bongaka morago.
A re go botlhokwa gore batsadi ba itsise bana ka diemo tsa bone gore ka jaana go supagetse fa bangwe ba nna le balwetsi mo malwapeng. O tlhalositse fa ngwana a na le tshwanelo ya botsogo a tlatsa ka gore motsadi o ka tseelwa dikgato tse di maleba fa a rontsha ngwana tshwanelo eo.
Mme Nkarabang a re bana ga ba na kitso e e kalo ka tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS mme seo se ka ba baya mo diphatseng tsa go ka amiwa ke mogare. A re e re le ntswa ba gatelela botlhokwa jwa go itsise ngwana ka seemo sa gagwe sa mogare, seo ga se reye gore batsadi ba ka tswa phatlalatsa mo setshabeng ka maduo a ngwana mme a supa fa seo e nna sephiri sa ba lelwapa fela le ene ngwana.
O boletse gape fa go le botlhokwa gore bana ba ba setseng ba le mo kalafing ba salwe morago ka dinako tsotlhe go netefatsa gore ba e tsaya ka nako a tlatsa ka gore bangwe ba a tlodisa ka jaana go sena ope yo o salang morago go bona gore a ba nole dipilisi.
Fa ba latlhela tlhware logonnyana, batsadi ba supile fa bana ba gompieno ba goletse ganong, ba bodipa e bile ba sa amogele kgalemo. Ba re e re le ntswa go twe ba na le ditshwanelo bangwe ba setse ba di dirisa go kgerisa batsadi ba bone.
Ba re mo malobeng ngwana o ne a itse gore motsadi mongwe le mongwe ke wa gagwe mme gompieno dilo di fetogile bana ba gataka batsadi ka dinao. Batsadi ba re ba dira ka natla go netefatsa gore bana ba gole ba na le boikarabelo mme sebe sa phiri ke gore bana bone ba itepatepantse le botshelo jwa senjwalenjwale jo bo ba digelang ka lemena. Ba re ba dumela fa tota moretlwa e le one fela o ka alafang botlhoka tsebe jwa bana.
Batsadi ba re maranyane a gompieno le one a na le seabe mo botlhokeng tsebe jwa bana ka ba leba dilo tse di sa ageng bokamoso jwa bone. Ba re kwa dikoleng gone go ngomola pelo ka barutabana ba leka mme maiteko a bone a itaya sefololetse ka baithuti ba le bodipa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Bokopano
Date : 16 Oct 2013






